Breaking News

Banana ba kgotlhadiwa go ikgapha

07 May 2015

Maloko a mokgatlho wa Vision Suport Group o itebagantseng le go ruta batho ka kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo kgaolong potlana ya Mahalapye, ba kgothaditswe go ikgapha mo ditirong tse di ka ba gogelang mo tlhaelong jaaka dino le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang.

Kgotlhatso e, e dirilwe ke kgosana ya motsana wa Setsile Rre Senau Ramaribana kwa letsatsing le mo go lone banana ba mokgatlho wa Vision Suport Group ba neng ba abela Rre Rabasimane Montshiwa yo eleng motlhoka pono dimpho tse di akaretsang Setilo, dijo, thobane gammogo le madi.

Kgosi Ramaribana o rile ere ntswa mmuso o ntshitse ga tshwene ka go simolodisa mananeo a banana ba ka a dirisang go itshetsa le go itlhamela mebereko, o swabisiwa ke go bona banana ka bontsi ba inaakantse le dino tagi le go ganelela mo ditirong tsa lenaneo la Ipelegeng ntswa lenaneo leo le diretswe bagodi.

O kopile banana bao, ba ba eteletsweng pele ke Rre Rampoo go ngokela banana jaaka bone mo mokgatlhong oo, gore ba kgone go abelana maele a ba ka a dirisang go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go inaakanya le ditiro tse di makgasa jaaka gonwa majalwa, tlhakanelo dikobo e sa sireletsegang le go ima ba sale bannye ka seo se ka ba bakela malwetse a tlhakanelo dikobo jaaka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.

Kgosi Ramaribana o tsweletse ka go tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene moletlo oo, gore ere ka banana ele bone bokamoso jwa lefatshe leno ke sone se mmuso o tsweletseng ka go simolodisa mananeo a banana ba ka a dirisang go simolola dikgwebo tse di ka tokafatsang matshelo a bone e bile a bolela fa mmuso o dirisa madi madi go tsenya bana ba Batswana sekole mahala.

E ne e rile gole pele moeteledipele wa moklgatlho oo Rre Rampoo a bolela fa maikaelelo wa mokgatlho wa bone ele go ruta batho ka bodiphatsa jwa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS gammogo le go thusa bana le bogole ka go ba phepafaletse malwapa, go ba tlhatswetsa diaparo le go ba thusa ka tse ba ka tswang ba tlhokana le tsone mo botshelong.

A re ele banana ba lefatshe leno ba tshwanetse go ema ka dinao go thusana le mmuso go lwela ditshwanelo tsa bana le bogole ka jaana bangwe ba bone ba santse ba bewa kwa mahuri mo a reng go ba rontsha tshwanelo ya go akola mananeo a puso e bile a bolela fa bangwe ba bone ba rontshiwa go akgela mo diphuthegong tsa dikgotla ka go tsewa ba sena boleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mokoswane

Event : Kabo dimpho

Date : 07 May 2015