Komiti e rotloetsa botsogo
07 May 2015
Botswana ke lengwe la mafatshe a a tsayang botsogo tsia fela thata, ke ka moo le ipeetseng seelo sa gore ka ngwaga wa 2016, Batswana ya bo e le setshaba se se itekanetseng.
Batswana le bone ba lemoga fa e le maikarebelo a bone go diragatsa gore ba nne le botsogo jo bo itekanetseng ka ba dira maiteko a mantle go thusa puso go atlega mo letshegong la tebelopele ya 2016 la go nna setshaba se se nang le botsogo jo bo itekanetseng.
Se se netefaditswe ke kabo dimpho e e tlotlomatsang botsogo e e neng e dirwa ke komiti ya ditlhabololo ya Tsabong Botlhaba.
E rile bosheng kwa Tsabong, komiti ya ditlhabololo ya Tsabong botlhaba e ne ya abela batlhoki le banalebogole ntlwana ya boithomelo le kgokelelo ya metsi mo malwapeng.
Go ya ka modulasetilo wa komiti e mme Nkele Tebele,a re e ne ya re fa le mo tirong ya bone ya go lekola morafe mo motseng ba ne ba lemoga fa bangwe ba banalebogole le batlhoki ba lebaganwe ke kgwetlho ya letlhoko la didirisiwa tse eleng konokono mo botsogong jo bo itekanetseng.
O ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa mongwe wa banalebogole ebile gape e le motlhoki mme Fridah Kgaodi a nale letlhoko la ntlwana ya boithomelo mme ba bona fa go sa siamela botsogo jwa gagwe ka go ka baka tlhagogo le kanomo ya malwetse e e ka amang lelwapa la gagwe le baagisanyi.
A re se se ne sa tlhokisa komiti ya gagwe boroko,mme ba bona go tshwanela gore ba fetole seemo se.Mme o ne a tswelela a tlhalosa fa komiti e e ne ya lemoga fa mme Mietjie Tebele yo o ingwayang ka meno ebile a nale bogole jwa go sa tsamaya a sena pompo ya metsi mo lelwapeng la gagwe.
Modulasetilo a re mme Tebele o ne a tshela a kopa metsi mo baagisanying ba gagwe mme fa a palelwa ke go ya go kopa metsi a itlhoboge mme go mo paledise go apaya,go tlhapa le gone go fitisa dipilisi.
A a re seemo se se ne sa ba ama ba ipotsa gore ka ba botsogo ba gatelela mmele wa motho on tlhoka metsi,ba ne ba ipotsa gore fa mma Tebele a paletswe ke go ya go kopa metsi a o tla tlhokafala o bolawa ke lenyora ba le teng go nale ka fa ba ka mo tswang thuso ka teng.
Rre Fredrick Cooper wa motlhoki le ene go ne ga fitlhelwa a nale letlhoko le le tshwanang le la ga mme Tebele,mme ba komiti e ba ne ba thulana ditlhogo ba bona go tshwanela gore ba fetole diemo tse ba tlotlomatse botsogo jo bo itekanetseng.
Tebele a re ba ne ba rerisa lephata la boipelego le le okametseng dikomiti tsa ditlhabololo mme le bone ba dumalana ka boraro jo ba bo boneng le gore komiti e ka tswelela ya thusa boraro jo.
Modulasetilo o kaile fa komiti ya gagwe e ne ya ntsha selekanyo sa madi a kanang ka P8481 mo letloleng la bone ba duelela kgokelelo ya metsi ya ga rre Cooper le mme Tebele.
Godimo ga moo a re ba ne ba reka didirisiwa tsa kago ya ntlwana ya boithomelo ya ga mme Kgaodi gape ba duela moagi,mme ka madi a a neng a setse Tebele a re ba ne ba reka dijo tsa moletlo wa kabo ya dimpho tse mme rre Vrydag Kgaodi o ne a ba thusa ka podi.
Mme Tebele o supile fa go itumedisa komiti ya gagwe go bo e nale seabe mo go fetoleng le go tlhabololeng matshelo a morafe,ebile gape ba motlotlo go bo ba nnile le seabe mo go thuseng go atlega ga letshego la 2016 la go nna sechaba se se na leng botsogo jo bo itekanetseng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Tsabong botlhaba o ne a kopa banaleseabe gore ba thuse ba ba tlhokileng lesego,a kaya fa e le tshegofatso e tona.
Mongwe wa ba ba abetsweng mme Fridah kgaodi o ne a leboga komiti ya ditlhabololo ka dimpho tse ba di ba abetseng,a re se se supa mowa wa kutlwelobotlhoko o o rerwang thata gape o diragadiwa ke tautona wa lefatshe leno.
O ne a tswelela a tlhalosa fa kago ya ntlwana ya boithomelo e tla fema gape ya thibela malwetse.
Mme Tebele yo o abetsweng kgokelelo ya metsi le ene o ne a leboga komiti e, a bo a ba gakolola go tselela ba dira pharologano mo matshelong a ba bangwe.
Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Tsabong Tsabong Borwa rre Mmuso Kgannyeng o ne a akgola komiti ya ditlhabololo ya Tsabong botlhaba,mme gakolola dikomiti tse dingwe tsa ditlhabololo go tsaya malebela mo tirong e e dirilweng ke ba komiti ya Tsabong botlhaba.
Kgannyeng o ne a tlhagisa dikomiti tsa ditlhabololo gore bothakga jwa komiti ga bo bonale mo mading a mantsimantsi a a mo dipolokelong mme bo bonelwa mo ditrong tse e leng motlhala wa se se dirilweng ka madi a letlole la komiti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Kabo ya ntlwana le kgokelo ya metsi
Date : 07 May 2015






