Olebile o tlhatositswe maemo
07 May 2015
Mothusa kgosi kwa Palapye, Kgosi Masego Olebile, otlhatositswe maemo gonna mothusa kgosi wa maemo a magolwane a tsaya maemong a ga moswi Kgosi Raditanka Ntebele.
Kgosana Michael Maforoga ene O atlaa tsaya maemo a mothusa kgosi a aneng a tshwerwe ke Kgosi Olebile.
Tlhatloso maemo e tlaa jaana banni ba Palapye ba se na go dumelana mme se sa direla bogosi kwa Serowe tiro mothofo gore ere mo nakong e khutshwane ba bo ba kgonne go tlhoma kgosi le mothusi wa gagwe, fa maemo a ga moswi kgosi Klass Motshidisi one a ise a kabiwe.
E rile a rola bobedi joo, motshwarelele bogosi jwaga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re bobedi joo ke dikgomo tse dikatileng tse disetseng di itse teu, ga ditlhoke go tshwarelelwa kgole, mme a supa fa Palapye ana le dikgwetlho tsa go gola ga ditlhabololo tse tsotlhe diyang gonna mo maruding a bone ele ba bogosi go bone gore ba amogela jang morafe o otlang le ditlhabololo tseo.
One a gakolola morafe gore metse ya selegae e ba potswe ke makalana a puso a mane (4), Molaodi, Bogosi, Khansele le ba kabo ditsha, ka maikaelelo a go atumetsa ditirelo kwa bathong ka bofeka, botswerere le bonokopila bale seopo sengwe, ka kwa phelelo ba lebaganye le gothusa motho ale mongwe.
One a isa boikuelo are dikgosi ditshwentswe ke batho b aba rekisang lefatshe are seo ke go rontsha ban aba bone tshwanelo ya lefatshe, one gape are molao o o fitisitsweng wa go busediwa ga mephato, morago ga golemoga fa serodumo sa batswaba sa setho senyelela otlaa aga chaba ya lefatshe leno.
Kgosi kgamane are ke maikarabelo a motsadi mongwe le mongwe go bone gore o godisa ngwana jang, le gone go moruta setho.Mokwaledi mogolo wa wa kgaolo ya legare, Mme Kgopolo Lehelepa one a iteela kobo moroko mafoko aga kgosi,are ba Palapye batshegofaditswe ele ruri ba badiretse tiro mothofo ka go ba tlhophelo b aba boeng batshwanelwa ke ditilo tseo.
Mothusa molaodi wa kgaolwana potlana ya Palapye Mme Veronica Rabakane one are “tlotlang kgosi, boifang modimo” are morafe ke one fela o ka dirang gore serodumo sa Palapye seye kwa mankalankalng fa bathusa dikgosi tse pedi tseo go busa ka tshosologo basa kgopakgopediwe ke sepe.
“kgosi ke kgosi ka batho” kgosi e tlhoka go bopiwa le goagiwa ke morafe wa yone. Lefa gotwe kgosi thotobolo e olela matlakala, ba solofetswe go bopaganya morafa eseng go o kgaoganya, “phata phata e a iphatalaletswa, kgobokgobo e e ikgobokanyetswa’.
Ene ya nna megolokwane fela le mafoko a tebogo gotswa mo morafeng wa Palapye, fa bo bedi joo bone ja amogela thomo ka tsoo pedi, mme kgosi Olebile a supa fa morafe wa Palapye o tshwaragane jaaka thako ya pitsi, are fela jalo oya godirisana sentle le kgosi Maforaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Tlhatlhoso ya maemo a kgosi
Date : 07 May 2015






