Breaking News

Fresh Oil e aba diaparo kwa Mahalapye

06 May 2015

Kereke ya Fresh Oil mo Mahalapye e abetse masiela le batlhoki diaparo go ba falotsa mariga a monongwaga.

Fa a bua mo moletlong wa go aba dimpho tseo bosheng, moemedi wa kereke eo, Mme Kelebileone Mogotsi o boletse fa go abela batlhoki le masiela e le maiteko a go letshego la tebelopele ya 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko.

A re kwa kerekeng ya bone ba tshela ka go rera Jeso Keresete mme ba tshwanetse go tshela ka tsela e e ka itumedisang Jeso. O ne a tlhalosa gore kereke ya bone e nna e thusa batlhoki mo Mahalapye, a tlatsa ka go re go sego letsogo le le abang.

O ne a kopa banni le dikereke tsa Mahalapye go ema ka dinao go tshwaraganela go rapelela Afrika Borwa gore ditlhaselo tsa batswakwa tse di tsweletseng di emisiwe. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Boseja-Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye o lebogetse dimpho.

O tlhalositse fa a kopane le bogogi jwa kereke ya Fresh Oil a ba kopa gore ba abele banni ba kgaolo ya gagwe diaparo mme ba utlwa kopo ya gagwe. Mokhanselara o ne a kopa dikgwebo le dikereke tsa Mahalapye go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O ne a solofetsa banni ba kgaolo ya gagwe gore o tlaa tswelela a ba kopela dimpho go tswa mo dikgwebong le dikereke tsa Mahalapye. Mongwe wa banni, Mme Ofetotse Mokatle o ne a lebogela dimpho mo boemong jwa banni.

O ne a kopa kereke ya Fresh Oil go tswelela ka bopelotlhomogi jo e bo supileng ka go abela batlhoki diaparo tsa mariga. BOPA

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 06 May 2015