Breaking News

Balemi ba abelana maele

06 May 2015

E rile kgwedi eno e le masome a mararo, balemi le balemisi ba dikgaolwana tsa selemisi tsa Mosojane, Mapoka le Zwenshabe, ba bo ba rulagantse mosepele wa go dikologa le masimo a balemi bangwe ba dikgaolwana tsa bone e le tsela nngwe ya go abelana megopolo le go anywa botsipa mo go ba bangwe mabapi le tsa temo.

Fa ema pele balemi ka lefoko kwa bokhutlong jwa mosepele oo, molemisi wa diji mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Thabakgolo Onalenna a kopa batho go tsaya temo ka tlhwaafalo ka e le mokokotlo wa botlhokwa mo go ntsheng dijo tsa batho le tsa leruo.

A re ga gona ka fa batho ba ka tshelang ka teng ntle le temo, a tlatsa ka gore fa e ka tsewa tsiya, e ka thama ditiro tse di seng kana ka sepe, ka jalo a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ba bone go inaakanya le temo gore ba gole ba tshegeditse mowa oo.

Rre Onalenna o ne a bo a rotloetsa balemi ba bangwe go gwetlhega mo memoweng go tla ba diragatsa tse ba di amuleng mo baleming ba bangwe mo pakeng e e latelang ya temo.

O ne a tlhalosa fa balemi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba dikile ba lemile ditema di le 11 000 fa go tshwantshanngwa le tse 17 000 tsa paka ya temo ya ngogola.

Rre Onalenna a re seo se dirilwe ke go bo dipula di nnile boutsana, a re fela seo se seka sa ba kgoba marapo go ka innakanya le temo.

Balemi ba ne ba gakololwa go lwantsha mohero ka metlhale e e farologaneng e tshwana go tlhagola le tiriso ya tshefi go na le go remelela mo motlhaleng o le mongwe fela, go tlhalosiwa fa go le botlhokwa go dira jalo mohero o santse o le monnye gore o seka wa fekeetsa dijalo, ba bo gape ba tlhabiwa podi matseba go lema dijalo tse di ka kgonang go itshwarelela mo mabakeng a a thata a tshwana mogote o o feteletseng.

Balemi ba masimo a bone a neng a etelwa ke Mme Chikadzi Rauwe wa Mosojane le Borre John Nswazwi wa Mapoka, Sidney Manyathelo le Tafisa Dube ba Zwenshambe, ba ba neng ba tlhatlhelela batsena letsatsi leo ka tse ba di diragaditseng mo temong ya bone le ka dikgwetlho tse ba kopanang natso di tshwana boutsana jwa pula le diji mo masimong a bone.

Fa a ntsha lefoko la kgotlhatso, Rre Dube le ene o ne a kopa balemi go nna le lenyora la go tlhwaafalela temo ka e ka thusa go nyeletsa tlala le lehuma mo malwapeng.

Rre Dube a re molemi mongwe le mongwe o tshwanetse ya re ka nako ya temo a bo a eme sentle, a itse le dijalo tse a batlang go di jala, a ba gakolola go tsaya tsia dikgalolo tsa ba tepo loapi ka di ka ba thusa go tlhopha dijalo tse ba ka di jalang.

A re mo godimo ga moo, thutuetso le kemonokeng ya balemisi e ka thusa balemi go tiisa moko mo temong, a supa fa seo e le sone se mo thusitseng le ba lelwapa la gagwe go tswa ka maduo a a botoka a ba duleng ka one.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, kgosi ya Zwenshambe, kgosi Moses Mabutho o ne a gwetlha balemi go dirisa bodiredi jwa lephata la temo-thuo gore ba kgone go bona dikgakololo tse di ka ba thusang go ntsha maduo a a nametsang.

Kgosi Mabutho a re e re ka jaana bangwe ba sa kgona go tswa ka sepe mo masimong, seo se tshwanetse sa ba tlama go itshekatsheka go bona tse ba ka tswang ba sa di diragatsa gore le bone ba tswe ka sengwenyana jaaka balemi ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 06 May 2015