Go bolaya ga se tharabololo ya mathata
06 May 2015
Banana ba gakolotswe ba bo ba kopiwa go tlogela mokgwa wa go bolaya bakapelo ba bone ka e se yone tharabololo.
Kopo e builwe ke moookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia, mo potsolosong morago ga gore monna mongwe a bolaye mokapelo wa gagwe mme morago le ene a ikgapele botshelo.
Mookamela mapodisi a Werda o ne a tswelela ka go tlhalosa fa tiragalo e diragetse kgwedi eno e tlhola letsatsi kwa polasing ya Filnt gaufi le motse wa Bray/ Hereford.
Superintendent Ramatsia o ne a supa fa e ne ya re kgwedi eno e tlhola letsatsi mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro a etela mokapelo wa gagwe kwa a neng a direla teng kwa polasing eo, mme go belaesega fa e ne ya re morago ba tlhoka dikutlwisisano mo a neng a felelela a mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo molaleng mme a tlhokafalela teng foo.
Rre Ramatsia o kaile fa ene ya re morago ga tiragalo eo monna yo o wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano ka go lemoga fa mme yo o a setse a tlhokafetse le ene a ya go ikgapela botshelo ka go ikaletsa.
Mookamela mapodisi a Werda o tlhomamisitse fa direpa tsoo pedi di rometswe kwa sepateleng sa Marina go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo.
O boletse fa ba masika ba setse ba itsisitswe mabapi le tiragalo ee masisi eo.
Supuritendent Ramatsia o ne a kaya fa gantsi ditiragalo tsa mofuta oo di diragalela banana mme go lemosegile fa nako nngwe ba tla a bo ba le mo kgatelelong ya dinotagi
O kaile fa baswi bao ba wa mme a tlholega kwa Thangane mo kgaolong ya Ngwaketsi fa wa Rre ene a tlholega teng mo Werda.
Mookamela mapodisi a Werda o ne a gakolola bogolo jang banana go emisa ditiragalo tsa dipolaano ka e se yone tharabololo mme ba kope dithuso mo go ba ba lebaneng ba akaretsa mapodisi, dikgosi, ba boipelego, batsadi le ditsala tsa bone go ba sidila maikutlo le gore molemo wa kgang ke go buiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 06 May 2015






