Tona o batla tsamaiso e e lolameng
06 May 2015
Tona wa lephata la Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele o ikuetse mo bodireding go emisa tshenyetso setshaba.
Rre Maele e buile jalo mo phuthegong ya gagwe le bodiredi jwa lephata la kabo ditsha la kgaolwana potlana ya palapye le le akaretsang Maunatlala, Lerala le Palapye.
O ne a ba kopa go ititaya ka thupana go neela setshaba dithuso le ditirelo tse di maleba ka nako e khutshwane.
O ba kgothaditse le go dira ba le seopo sengwe le marara le maphata a a farologaneng, go tlotla setshaba, go baya mekwalo sentle, go direla dilo mo pepeneneng le go isa thuto kwa setshabeng ka tsa lefatshe.
A re lefatshe ke sengwe sa tse di tlhokang go tshwarwa ka kelelelo e e kwa godimo, mme fa ba ka adima tshwene marapo dikgang tsa lefatshe ga di kake tsa fela.
Tona o ne nna le dikgang tse a supileng matshwenyego mo go tsone jaaka ya go kwalwa le go latlhega ga dintlha tsa diphuthego, a re gantsi ke sone se se digelang lephata ka lemena ka go welwa ke dikgang ka go se na ope mokwalo o o lolameng wa go supa dikgang tseo ka botlalo.
O ne a gatelela gape gore ka fa go phuthwang madi a melala a a kolotwang lekgotla la kabo ditsha la Ngwato ka teng ga go supe tema epe, mme a re go tsiwe ka ditsela tse di ka dirisiwang go gakolola ba ba kolotang go tla go duela.
A re fa ba sa dire jalo go tlaa tla mo seemong sa gore e re ka nako ya kabo ya madi ba fiwe a le mmenyana fela, mme ba laelwe go phutha dikoloto, ke tsone ba duele bodiredi ka tsone.
A re go amogana ditsha ke ntlha e e tshwenyang, a re go dirwe ke kelelelo. O ne gape a re thekiso ya lefatshe e tsere phekelo e sele, mme go tsile mo nakong ya gore fa motho a ne a filwe lefatshe a bo a le rekisa a seka a tlhola a abelwa lefatshe.
A re molao o o tlang o o ya go thusa thata mo dikgannyeng tsa mofuta o. Tona a re batho ba rutwe go a hirisa lefatshe kana ba le busetse kwa go ba kabo ditsha, mo go ka fang motho go ka tsenya ikopelo gape fa a setse a bone a ka kgona go aga.
O ne a kopa tirisano fa gare ga bodiredi le ene gore ba tle ba kgone tiro ya bone ba le seopo sengwe. A re bontsi bo ya go senyegelwa ke ditiro ka go sa direng dilo ka fa tshwanelong.
O ne a supa fa go gola ga Palapye go itepatepantse le go gola ga thekiso ya ditsha.
Mo mafokong a kakgelo, leloko la kabo ditsha la Palapye, Rre Tubego Mafoko o ne a re bone ba tshwere ka natla go ruta batho ka ditsamaiso le tiriso ya lefatshe, mme a bua ka go abelwa ditsha ga banyalani a re go a tshwenya a go lebelelwe le molawana wa teng o papamale.
A re tshenyetso setshaba ke sengwe se lefatshe leno le se ilang lobaibai, mme fa go lemogilwe fa e leng teng a e epololwe ka medi.
Rre Donald Nkete yo le ene e leng leloko la kabo ditsha, o ne a re sengwe se se ka dirwang go phutha dikoloto e ka nna tshwaragano ya ba diteseletso ba khansele le ba lekgotla la kabo ditsha gore fa motho a ya go shafatsa teseletso a seka a direlwa jalo fa a na le melala ya sekoloto.
Modiredi wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Rre Mothaka Silas o ne a re ba bobotlana ba tlhokana le go okelediwa bodiredi mo tirong ya go potiela, bogolo jang ka fa go ba boranyane, mme a ikuela mo go tona gore tiro ya bone e tlhoka go sekasekelwa go duelelwa bodiphatsa jwa yone.
A re ditsha ga di dirisiwe sentle ka fa molao o tlhalosang ka teng go ikagelwa fela.
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya tona le bodiredi jwa lephata
Date : 06 May 2015






