Breaking News

Banni ga ba itumelele seemo sa ditsela

06 May 2015

Banni ba kgaolo ya Serowe Borwa ba kopile puso go baakanya ditsela tse di ralalang dikgotla tsa bone, le e e yang masimong a Mokgware ka bontsi jwa bone ba lema teng.

Ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo e bile e le tona ya tsa mafatshe a sele Dr Pelonomi Venson-Moitoi kwa dikgotleng tsa Sesoma, Masilo le Motshwana bosheng.

Banni ba tlhalositse fa ditsela tsa Serowe di senyegile thata mo go itsang dipalamo tsa setshaba go ba baya mo malwapeng. Ba re tsela ya Serowe/Mokgware e senyegile thata mo ba patelesegang go potologa kwa Radisele fa baya Mokgware.

Mo go tse dingwe ba kopile puso go tsibogela seemo sa beng ba diterekere go ba ruta temo ka ditselana ka ba di kile ba ba beile mo leshekereng go na le ba ka bo ba lemile ka go gasa.

Ba re ntswa temo ya go jala ka ditselana e siame thata, bora diterekere ba dikile ba ba tlhokisitse thobo ka ba ne ba lema masimo a mantsi pele ba jwala mme seo sa ba seisa pula.

Ba kopile gore go duelelwe temo ka go kgaogana jaaka go lema, go thuba makwete le go jala. Banni ba kopile gore puso e tsibogele kopo ya go ba baakanyetsa sepatela sa Sekgoma se segologolo go dira kokelwana ka e le gaufi le bone.

Fa ba bua ka dikgang tsa lenanaeo la nyeletso lehuma, banni ba tlhalositse fa ba sale ba isiwa dithutuntshong tsa mananeo a ba neng ba a kopile dingwaga tse di fitileng le gompieno ga ba ise ba fiwe di dirisiwa go simolola dikgwebo potana tsa bone go itshetsa.

Ba re seo ke kgwetlho ka ba ne ba solofetse gore ba bonye se ba ka itshetsang ka sone jaaka go apaya, go roka le tse dingwe.

E rile fa a tsibogela mathata le dingongorego tsa banni, modulasetilo wa kgaolo potana ya Serowe Rre Mpho Kooreme a tlhalosa fa khansele e tsibogela matlhoko a bone fela madi e le one sekgoreletsi mo go kgoneng go dirafatsa maikaelelo a puso.

E rile a ba kgwa dikgaba Mme Venson-Moitoi a re letlhoko la madi ke lone le diyang kgang ya go tlhabolola dikago tsa kokelo ya Sekgoma, a re maikaelelo a puso ke gore ba dirafatse maitlamo a ba a solofeditseng Batswana, mme ditiro tse di kgonegang go dirwa di dirwe tse di sa kgonwang batsadi batla lekodisiwa.

O ne a lekodisitse banni ka tirafalo ya lefatshe la Africa borwa gore bana babalesegile, botsadi bo ne bo tshwenyegile thata ka ba sa itse gore bana ba fa kae.

O kopile botsadi go tlhagafalela thuto ya ba na ba bone ka e le boswa jwa bone, a re o lemogile fa batsadi ba sa etele dikole go bona tiro ya bana le go sekaseka tiro ya ngwana fa a tswa sekolong.

Barutabana ba ne ba ngongorega thata gore botsadi ga bo tlhakanele bana le bone go ba thusa mo go tsa thuto e bile bangwe ga ba tlhokomelwe sentle.

Ka tsela ya Serowe/Mokgware o ne a tlhalosa fa a buile le ba lephata le ditsela gore e tlhoka go potlakelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Kelediyakgota

Location : SEROWE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 06 May 2015