Breaking News

Borukutlhi botsere phekelo e sele

05 May 2015

Boeteledipele jwa Nokaneng mo kgaolong potlana ya Okavango bo ikuetse mo pusong go thusa go fokotsa borukutlhi jo bo apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba.

Kgosi wa Nokaneng, Kgosi Kebonyetela Fish, o boleletse molaodi Rre Thabang Dikatlholo mo phuthegong ya kgotla gore jaanong seemo sa bogodu jwa leruo se tsere phekelo e sele mo motseng o o le metsana e e mo tikologong.

A re le ntswa ofisi ya gagwe e leka go bo lwantsha seemo ga se retibale kantata ya letlhoko la dipalamo le bo botlana jwa ba diredi bo akaretsa mapodisi, a ba a kopa ofisi ya ga molaodi go ba thusa ka tsotlhe tse banang natso go leka go lwantsha seemo.

“Gompieno jaana batho bogolo jang banana ba re itseng gore ga ba na dikgobo ba fetogile banana cantata ya dikgomo tsa batho tse ba ditsayang ka dikgoka ,”a tlhalosa jalo.

O tsweletse a re magodu ao a a rwalang ditlhoro tsedi khurumetsang difatlhego a gobeya mo dikgweng ka dipitsi go a lola dikgomo tsa batho, a re mme se se kgobang marapo ke gore batsadi bangwe ba santse ba bipa mpa ka mabele.

Kgosi Fish o kopile puso go dira molao o o tlaa itsang batho go a ga masaka mo makgobokgobong go itsa magodu go lalela dikgomo tsa batho fa diile go hula fa thoko ga noka.

A re ere ka mo nakong e no go sena molao o o laolang go bewa ga masaka ke gone ka moo magodu ba itirelang masaka gongwe le gongwego a ka rediwa le mo makgobokgobong ka gona le dikgwa tsedi kitlaneng go fitlha dikgomo mo gotsone pele ba di isa kwa merakeng ya bone.

Mothusa Kgosi, Fish Ozoo okopile puso go emisa go isa magodu a leruo kwa kgolegelong mme a re go emisetswe ka dithupa di le lesome le botlhano mo mokwatleng antse a le mo kgolegelong ka a dumela gore thupa ke yone fela kalafi ya go emisa borukutlhi.

Kwa motseng wa Xai-Xai banni ba ngongoregetse gore lobaka lwa beke tse pedi la dithuto tsedi fiwang batho ba ba thusiwang ka lenaneo la nyeletso lehumale le khutshwane mme bangwe fa ba tswa koo ba palelwa ke go tla go simolola tiro e ba e filweng.

Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Esau Marenga a re bangwe ba bone ga ba ise ba thusiwe ka ditsompelo tsedi tshwanetseng fa ba bangwe ba sena madirelo ka jalo dithoto tsa bone di senngwa ke letsatsi,a bo a kopa gore pele ba neelwa di dirisiwa go tlhomamisiwe pele gore ba na le lefelo la madirelo kana kgwebo.

Kwa Qangwa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre uakavaza Tjikutirua o kopile puso go ba kopela ba matlhabelo a BMC go latela dikgomo tsa bone go ya go direka ka gore beng ba dikoli tsa megobagoba ba ba turusetsa fa ba bapegela dikgomo.

Are ba lekile go bua le ba BMC mme ba supa fa bothata jwa bone e le go tsaya sekale se se kalang dikgomo, a re fa ele gore ba batla koloi e e faphegileng ba tlaa e batlababo ba duela.

Lefa gontse jalo molaodi o ne a ba solofetse faa tla ba e ma nokeng mo go tsotlhe tse ba ditlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimuni

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2015