CEDA e itlhophela Mmaphula
05 May 2015
Morago ga gore puso e ikuele mo setshabeng le beng ba dikgwebo go tshwaraganela thuto le go ikabela dikole ele bontlha bongwe jwa go tsenya letsogo mo tsamaisong ya thuso, CEDA e ikabetse sekole se segolwane sa Mmaphula kwa Palapye.
Lekalana le CEDA le ne la ikabela sekole seo morago ga gore mookemedi mogolo wa lone, Rre Thabo Thamane, a supe fa a moono wa bone o tsamaelana le wa lekalana le a le okametseng o oreng “Godira le le seopo sengwe ka boitshoko, ke yone tsela yago tsholetsa le go tlotlomatsa maikemisetso”
Ka one moono o o,CEDA e ya itlama go ntshetsa sekole seo P20 000.00 ngwaga le ngwaga, mo goone madi ao P10 000 o abelwa bana bale lesome ba badirileng ka botswa pelo, fa P10 000.00 yo mongwe a itebaganya le tse sekole sedi sethokang go tlhabolola boleng ja thuto.
Mo boeng ja ga mookamela lekalana la CEDA , mogolwane mo lekalaneng leo a lebaganya le gothusa badirisane mono Palapye Rre Godiretse Khumiso one a supa fa ene yare baitlhophela sekole sa Mmaphula ba fitlhela se lebanwe ke mathata a tshwana le a boimana, goitlhokomolosa thuto ga botsadi, gothubiwa le bogodu, le tse dingwe ditlamelo.
Rre Khumiso are bana le tsholofela ka tshwaragan eo, gore batlaa fitlhelela dingwe tsa matlhoko a a tswanang go a nakolola, segolo bogole baitebagantsa thata le bone bana, gore mpho eo e tlaa batiisa moko mo dithutong le go ditsaya ka tlhwaafalo.
Rre Khumiso are bone ele ba lekalana la CEDA , ba eletsa go bona bana bainaakantse thata le dikgwebo morago ga dithuto tsa bone , are seo seka thusa lefatshe leno thata mo ditsetlaneng tse le itebagantse le tsone jaaka gotlokafatsa le tswakanyo ya itsholelelo mo gotsa dikgwebo, go itlhamela ditiro le ba bangwe, le gone go ntsha tse dinang le boleng go tokafatsa mhama wa itsholelo ka goisa dithoto kwa ntle ga lefatshe leno, are go dira jalo gotlaa bo go araba moono wa bone.
Gone ga abelwe bana bale lesome Cheke ya P500.0 mongwe le mongwe mo go bao ba baneng ba dirile ka bokgabane, mo go bone basetsana bale barataro (6) le basimane bale bane (4) ba bontsi ja bone badirang mophato wa bone (form 4) kwa Lotsane Senior fa ale mongwe ale kwa St Joseph kwa Kgale
Ene erile gole pele modulasetilo wa lekgotla la barutabana Rre Peter Rakgoa a supa fa batshwaraganetse thuto le barutabana le bana go tokafatsa maduo ngwaga le ngwaga, mme are go mo baithuting go akola mpho e ba eneelwang ke ba lekalana la CEDA ka goithuta batsentse moko mo nameng.
Are fa gojwadilweng peo e e siameng, go solofelwa thobo e ntsi ebile ena le moko, ka peo e a bo jwadilwe mo mmung o o siameng, mme a supa boitumelo are bana bao ba badiretse ka bokgabane go fitlhelela maduo a mantle ao.
One a supa fa Mmaphula ele yone e tsereng maemo a ntlha mo kgaolong, mme ele mo maemong a masome a mabedi le borataro (26) lefatshe lotlhe, are maduo ao a itumedisa fela thata e bile a file batsadi seriti are bana ga baatshwanela go ja boswa ja batsadi ja gore fa bone basa tsane sekole le bone gab aye go tsena sekole, are batshwanetse banna sekao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Lekalana le abela sekole
Date : 05 May 2015






