Monana o gweba ka go apeela badiri ba Ipelegeng
05 May 2015
Monana mongwe kwa Phala Road mo kgaolong potlana ya Mahalapye o itumeletse lenaneo la puso la go apeela badiri ba Ipelegeng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kesego Molabi, yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano o boletse fa a simolotse go apeela badiri ba Ipelegeng ka Moranang.
Mme Molabi o boletse fa a sa rutelwa kapei ko sekolong mme a ithutetse mo lwapeng fa a gola.
Pele ga a simolola go apeela badiri ba Ipelegeng Mme Molabi o boletse fa ane a itshetsa ka go rekisa menoto, dithogo le mateng a dikoko tse a neng a di reka ko Mmamashia. Pele ga moo o bolelela fa ane a berekela Kompone ya Bobirwa Bricks ko Tlokweng lebaka la dingwaga di ferabongwe mme a togela ka mabaka a bolwetse le dikatso tse di neng disa fetole botshelo jwa gagwe.
O thalositse gore fa motho a apeela badiri ba Ipelegeng go bothokwa gore a apeele mo lifelong le le phepa le gore moapei a nne phepa fa a apaya dijo le fa a isetsa badiri dijo.
O boletse fa a apeela badiri ba Ipelegeng mapakiwa le senotsididi ka Mosupologo, dinawa tse di thakantsweng le setampa ka Labobedi, bogobe le seshabo e bong morogo kana nama ka Laboraro, ka Labone o boeletsa dijo tse a di appeileng ka Mosupologo mme ka Labothano o boeletsa dijo tse a di apeeileng ka Labobedi.
Mme Molabi o thalositse fa go le bothokwa gore mogwebi yo o apeelang badiri ba ipelegeng a itse selekanyo sa madi a a tla dirisiwang go reka dijo, gape o boletse fag ole molemo go reka dijo mo marekisetsong a matona gona le dimausuka gore a rekisadijo ka tlhwatlhwa e e ko tase mme seo se dire gore mogwebi a kgone go bona dipoelo tse di nametsang.
O thalositse fa a dirisitswe madi a a kanang ka sekete sa dipula go reka dijo tse a di apeelang badiri ba ipelegeng.
One gape a thalosa fa go apeela badiri ba Ipelegenh go sa bate motho yo o boitseme mo kapeing.
Mme Molabi o thalositse fa dikatso tse a tlaa di boning morago ga go apeela badiri ba ipelegeng di tlaa fetola botshelo jwa gagwe ka gore oya go di dirisa go ikagela ntlo ko setsheng sa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 05 May 2015






