Breaking News

Botsogo jwa ngwana konokono

05 May 2015

Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe, o kgothaditse baeteledipele ba dikolo tse dipotlana go tshwara ka thata go ruta bana boitshwaro le ka fa ba tshwanetseng go itlhokomela ka teng gore ba seka ba tsenwa ke malwetse.

Dr Kedikilwe o ne a bua se kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba lephata la botsogo go tswa Bobirwa District Health Team kwa Sefhophe. O tlhalositse gore ‘lore le ojwa le sale metsi’ a re fa ngwana a sa bona lerato le kgodiso e e maleba go thata go fetola se a leng sone a setse a godile.

Dr Kedikilwe o tsweletse a re ngwana o tlhoka lorato le go pepetlediwa a na le ngwaga le kgwedi ka gore tlhaloganyo ya gagwe e le bofefo go tshwara se a se rutwang.

A re ngwana ke peo e e tshwanetseng go babalelwa le go nosediwa gore e tle e ntshe maduo a a ka sologelang isago ya lefatshe molemo,a re fa go se nang botsogo teng ga gona botshelo jo bo siameng.

E rile a tlhalosa maikaelelo a moleto ngaka go tswa kwa Bobirwa DHTM Rre Jackson Kaguamba a re setshaba ga se a tshwanela go ikgatholosa botsogo jwa bana.A re dingwaga tsa ntlha tse tlhano ke tsone tse di botlhokwa ka gore dikarolo tsa mmele di a bo di santse di gola go fitlha ngwana a tshwara ngwaga tse masome mabedi.

Dr Kaguamba a re ngwana o tlhoka menontshane e e tlhokafalang jaaka dijo tse di phepha ebile dina le dikotla le go tlamelwa ka melemo e e mo sireletsang mo malwetseng gore a gole sentle. A re go sa nneng jalo se se ka felela se ama boboko jwa ngwana ka jalo ba losika ba amege le setshaba ka kakaretso.

Dr Kaguamba o kgotlhaditse batsadi go tlhokomela tikologo e bana ba golelang mo go yone gore e nne e le phepa ka nako tsone go tila megare e e ka bakang malwetse a a tisiwang ke ditshidinyana jaaka montsana.O tsweletse a re malwapa a a tshelelang mo kgokgontshong a na le seabe se se tona mo go kgotlelesegeng ga tlhaloganyo ya ngwana. A kopa botsadi go emisa mokgwa wago nna jalo.

Dr Kanguamba a re ba bone go le botlhokwa go tshwarela moletlo wa go nna jaana kwa motseng wa Sefhophe ka ona le komiti e e nonofileng ya botsogo,a re batho ba motse wa Sefhophe ba kopane le ba lephata la botsogo ba tshwanetse go rolelwa hutshe ka ba supile ba kgathala ka botsogo ja bone.

Erile a tswa la gagwe molalediwa wa tlotla mookamedi wa Sister Sisters Super Market Mme Nene Solomon Gasemodimo a re o leboga ba lephata la botsogo go bo badirile moletlo wa go tla go ruta batsadi ka tlhokomelo ya bana ka e le bone isago ya kamoso.

Mme Gasemodimo are maikaelelo a go ruta setshaba ka botsogo ja bana ke go fokotsa dintsho tse di bakwang ke go se ka ga kentela bana mekento e e thibelang malwetse.

Mme Gasemodimo a re ele ba Sistrer Sisters Supermarket ba itlamile go rotloetsa kgodiso ya ngwana e e siameng ka go go abela bana ba ba tlhokang dijo kgwedi tse thataro go tlhomamisa gore botsogo jwa bone bo boela mo seemong le go ema ba lephata la botsogo nokeng ka go nna le karolo mo moletlong mongwe le mongwe o batla o tshwarang mme o ama bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Moletlo ya lephata la botsogo

Date : 05 May 2015