Breaking News

Thuto e tlhoka batsadi

05 May 2015

Batsadi kwa Shaikarawe ba kgothaditswe go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo.

Se se builwe ke Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Moiseraele Goya, fa a ne a ba lekola le go bona sekolo se se botlana sa bana ba ba nnye le go utlwa matshwenyego a bone.

O tlhalositse gore go botlhokwa gore bana ba ithute botho ba santse ba le bannye mme a gakolola batsadi gore ba rotloetse bana go tsena sekolo.

A re ba gakolole ba ba santseng ba dumela gore ngwana a ye morakeng, gore se ga se sone mme ke go rontsha ngwana tshwanelo ya go tsena sekolo.

Mothusa Tona Goya o tlhalositse gore le fa motse wa Shaikarawe o ise o tlhomamisiwe, ba supa fa ba itsaya tsia ka ba kgathala ka thuto ya bana ba bone.

O tlhalositse gore ba tswelele ka bopelotelele mme ba seka ba nyatsa se puso e se ba direlang, a tlhalosa gore le fa go lebega sekole sa bone se sa le sebotlana, ke toro e ntle e nako nngwe e tlaa beng e godile.

Rre Goya o ba tlhaloseditse gore motse wa Roma ga wa agiwa letsatsi le lengwe mme gompieno ke magasigasi, ka jalo le bone ba itshoke nako nngwe ba tlaabe ba na le sekolo le ditlamelo tse di lolameng.

O akgotse Tautona ka bopelontle jwa gagwe jwa go tlhomamisa gore ntswa motse o o ise o tlhomamisiwe, bana ba bo ba na le fa ba ithutela teng ba simolola ka lekwalo la ntlha le sekolo sa bana ba ba nnye.

Mongwe wa baithaopi ko sekolong seo Mme Kopanda July o tlhalositse fa a itumetse fela thata ka toro ya gagwe e a e fitlheletseng ya go ruta bana.

O tlhalositse gore e rile ka ngwaga wa 2000, a simolola sekolo sa bananyana a ithaopa a ba phuthela mo setlhareng ka a ne a lemogile botlhokwa jwa thuto.

Mme July o tlhalositse gore o ithutile gore ka e le wa letso la Sesarwa, go nna ha gare ga bana ba bangwe go ile ga mo ketefalela mme a sia ko sekolong ko Nokaneng, mme se se ile sa mo bula matlho go ruta ba bangwe ba letso la Sesarwa ka bo mosola jwa thuto.

O itumelela gore maitemogelo a gagwe a ile a thusa mo ba setseng bana le sekolo se se botoka e bile goromente a tsentse letsogo.

Kgosi Phonda Mahindi wa Shaikarawe o lebogile Tautona go menagane go ba thusa gore bana ba bo ba na le fa ba ithutelang teng mme o ba kopile go tlhokomela didirisiwa tsa sekolo seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2015