Breaking News

Ba MogomeMokgware ba lela ka metsi le motlakase

05 May 2015

Tiro ya go siela banni ba Mogome, Mokgware, Tewane le Radisele metsi gotswa kwa didibeng tsa Bikwe le kgokelo ya motlakase kwa Mogome/Mokgware e eme tsi.

Se se tla morago ga gore konteraka e seka ya dumelana ka dituelo tsa tiro e e dirileng le lephata la dikgaolo le tlhabololo magae.

Go ya ka banni ba Mogome/Mokgware, go diega go wediwa ka nako ga tiro eo, go ba beile kafa mosing mo go boneng metsi le motlakase, tse baneng ba disolofetse mo ngwageng o o fitileng mme nako kgolo ke eno.

Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng dibuisiwa ke mopalamente wa bone, Dr Pelonomi Venson-Moitoi,  ba supa fa batshwengwe ke go sa neelweng karabo e e lolameng gore tota mathata ke eng.

Goitsi gole gontsi ka kgang eo, ba lekalana la dikgang bane ba itshwaraganya le ba lephata la dikgaolo le tlhabololo  magae, mme ba buisana le Mme Dimakatos Isoa, yo eleng ene a eteletseng tiro eo ya metsi le motlakase pele.

E ne ya re go sedimosa ka kgang eo are, bokete ja tiro bodirilwe gosetse fele lesome mo lekgolong gore e wediwe, tiro eo ya kgokelo ya metsi le motlakase e simolotswe ka 2013, ka tsholofelo ya gore etlaa wela ka 2014, mme ga seka ga nna jalo, rakonteraka a bo a okelediwa sebaka.

Tiro ya kgokelo ya metsi , a metse e mene,e e eneng e netswe ba konteraka ya N&M Services kgokelo ya dipompo gotswa kwa didibeng goya kwa gotlhatswing metsi teng, e lopile go feta P40.8 million, fa ya go tsengwa ga motlakase go tswa kwa didibeng goya kwa go tlhwatswediwang teng metsi kwa Mogome yone e lopile gofeta P4.7 million, mme yone e weditswe, go emetswe fela gore b aba gokelang dipompo ba wetsa ya bone tiro batho b abo baka bona metsi le motlakase.

Mme Isoa are go gokelwa moo ga motlakase goya gothusa batho ba Mogome/Mokgware go akola motlakase o o ralalng metse ya bone. One a supa fa gone ganna le tiro ya motlalaletsa ya go tsengwa ga dipompo tse disielang metse eo metsi go emisitse tse dikgologolo tse  di supila fa dirusitse,.

Are gosa welanang ga bone le rakonteraka gone ga diya tiro gowela, mme basolofela fa rakonteraka atlaa boela mo kwa lefelo la tiro go etsweledisa morago ga go sokasokana le ene ka sebaka se se leele.

Banni ba Madiaela bone bane lebogela temo bare molelo wa mariga batlaa o ora, lefa  basa robadiwe ke ditlou tse di mo kgaolong ya bone bare batshelela fela moletshogong. Bannaditilo tse metse e meraro eo bane bare palo e ba e neelwang ya badiri ba ipelegeng e kwa tlase fela thata, mme bakopa gore ba okelediwe badiri.

Ba Mogome/Mokgware  bane gape bat la goitsegore keeng bodiredi ja mafelo ao ba kaseka ba neelwa RASA.  

Baile gape balebogela puso go baatumetsa dipilisi tse diritibatsang mogare.

Ba Madiaela bane bare botho ba dipalamo tsa setshaba ba gana go bapega, kgang e etswa kgakala mme ga gonko e tswa lamina kay one.. 

Erile a latlhela la gagwe Mme Venson-Moitoi a supa fa le ene a tshwengwa ke tiro ya tiro eo go wela, mme are sengwe se se motshwenyang ka dipalo tse di kwa tlase tsa babereki ba ipelegeng ke gore bontsi ja batho b aba mo masimo ka nako ya temo ke ba dikgalong tsa Serowe Bokone le Serowe nokone Botlhaba, ba ereng fa gontshiwa  dipalo go bo gosa lebelelwe dipalo tsa kgaolo, are kgaolo ya gagwe ena le batho bafeta 38 000.

Are fa gontshiwa dipalo go lebelelwe palo ya batho ba masimo, golebalwa gore ba a a kotsega ba okediwa ke b aba baletswe kwa dikgaolong tsa bone, k aba abo batsile golema, are go masimo, meraka ya batho ba dikgaolo tse pedi tseo.

Fa a arabela ya di[palamo tsa setshaba mogolwane gotswa koo ofising ya Palapye, Mme Lorraine Gaolebale one a kopa bapalami go tsaya dinomora tsa dikoloi tse diganang go ba pega are molao o t;lhamaletse gore fa badirwa jalo baka otlhaiwa ka go tseelwe diteseletso tse baneeletswe gotrhusa setshaba.

Mo mafokong a tebogo Mokhanselera wa Mogome/Mokgware Rre Lesedi Phuthego pone a supa fa kgang ya ,metsi e bathobogantse le batlhophi ba babone. 

One akopa ba lekalana la metsi go tsibogela go neela batho dikarata tsa metso gore banne ba ipapanne. Ka kgang ya nyaletso lehuma one are batho ba sale baisitswe dithutp nako kgolo ke eno ga baneelwe mananeo  bantse fela mo malapeng.

Fa mokganselelra wa Radiselele, Rre Kgosiemang Monare, ene ane a supa fa kokelwana ya Madiaela etlaa bulwe godisiwa ele ya nakwana  (Mobile Stop).  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 05 May 2015