Breaking News

Balemi ba Dikhudu ba ikemetse ka dinao

04 May 2015

Maiteko a balemi ba masimo a dikhudu a iteetswe legofi morago ga gore ba ipope setlhopha gore batle ba akole lenaneo la puso la ISPAAD la go agelela masimo.

Puso e galaleditse maiteko a bone ka go dumelwa fa batla nna sekao mo go ba bangwe mme le bone ba ikiteye ka thupana go tsenya mananeo a puso mo tirisong.

Masimo a Dikhudu a a diekere tse di makgolo marataro le masome a mane le metso e le meraro (643ha) a solofetswe go tsholetsa serodumo sa temo mo kgaolong ya Kweneng. Se se builwe ke gogolwane mo lephateng la temo, Rre Taelo Ramokapane, fa a ne a bula terata eo semmuso ka Labone (Moranang 30).

Rre Mokapane a re o lebogela maiteko a balemi bao ka go bonala ba ne ba na le bopelotelele mo tirong eo ka go se motlhofo gore batho ba kgone go kopanela tiro mme e felele e atlegile go sena dikgang.

O tsweletse ka gore go matshwanedi gore fa puso e a tlolosa lebogo e thusa batho, ba seka ba boela morago. A re se se dirilweng ke balemi bao, thulaganyo ya puso ka lenaneo la ISPAAD ka puso e ne e gwetlhilwe ke lehuma le letlhoko la ditiro.

Rre Mokapane o boile gape a tlhalosa gore keletso ya lephata la temo thuo ke gore lefatshe la bopharo jo bo kana ka jwa masimo a dikhudu ke gore le epiwe dithare tsotlhe le bo le tlhabololwe gore le tsene mo tirisong.

O tlhalositse gape gore lefatshe la diekere di ka tshwara dikete tse dimasome lesome le borataro (16 000 ha) le ka kgona ntsa di tonne tsa mabele difeta dikete tse di lesome le borataro.
O bile gape a gatelela gore ba lephata la temo thuo ba tsile go tsamaya lefatshe lotlhe ba seka seka tiriso ya lefatshe ka jaana puso e batla lefatshe lotlhe la temo le tsena mo tirisong.

O gakolotse balemi gore bao ba ba sa kgoneng go dirisa lefatshe ba le adime bangwe ka bone kgotsa bo rradikgwebo gore ba le dirise mme lefatshe le kgone go ijesa.
O kopile bo rradikgwebo gore le bone ba tsenye letsogo ba tsholetse boleng jwa temo ka go thusa balemi ka go ba atlametsa diterekere, dipeo le yone menontshane tota gore temo e tsewe ka tlhoafalo.

Molemisi wa kgaolo Rre Keatlaretse Sello are kgaolo ya Kubung e itikile ka go tsholetsa temo le tiriso ya mananeo. Are e rile lenaneo la ISPAAD fa le simolola balemi mo kgaolong ya gagwe ba ne ba le makgolo mane le masome a marataro (460) mme gompieno palo ya balemi bao e oketsegile go tsena mo go makgolo a marataro (600).

Are le fa ntswa kgaolo ya Dikhudu e itemogela dipula tse di boutsana dika tshwara selekanyo tsa 240mm ngwaga le ngwaga, seo ga se aka sa kgoba balemi ba kgaolo eo marapo ka jaanong balemi bao ba dirisa metlhale e mengwe ya didirisiwa tsa temo.

Modulasetilo wa cluster ya Dikhudu Mme Keemenao Daniel o lebogile puso go bo e ba thusitse ka lenaneo la go aga terata. Are lenaneo la go aga terata le simolotse ka ngwaga wa 2009 mme kopo ya bone ya atlega ka ngwaga wa 2012. Are beng ba masimo ba le masome mararo le bobedi (32) ke bone ba kgonneng go ka ikopanya.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Dikhudu

Event : Pulo terata

Date : 04 May 2015