Dirang ditlhabololo tsa motia - molaodi
04 May 2015
Molaodi wa kgaolo potlana ya Okavango, Rre Thabang Dikatlholo, o gwetlhile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya gagwe go tlhabolola metse ya bone ka madi a matlo a ba a hirisang.
Rre Dikatlholo o gakolotse jalo mo phuthegong ya kgotla ka thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa bathong kwa motsaneng wa Habu. A re fa dikomiti tsa ditlhabololo di ka somarela madi a di a bonang ka go hirisa matlo mo metseng ya bone, ba ka a dirisa go dira ditiro tsa motia tsa ditlhabololo.
“Tota nna ke ipotsa gore madi a VDC a ya kae fa lesa a dirise go tlhabolola metse ya lona, mme boemo jwa seo le nna morwalo wa puso ntswa puso e le tlhagoletse tsela ya go ka ithusa,” o boditse jalo.
O file sekai se tshwana le go agela bananyana sekolo mo metseng ya bone gore bana ba bone ba sugege pele ba ya godira lokwalo lwa ntlha. Molaodi a re gomo maruding a di VDC jaaka e le palamente ya metse go tla ka mananeo a a nonofileng go tlhabolola metse ya bone gona le goikaega fela ka di thuso tsa puso.
Rre Dikatlholo o gwetlhile gape maloko a VDC go tlhabolola matlo a di VDC gore a kgatlhe batho go a karediwa badirela puso mme a ba tsenyetse madi mo letloleng go dira ditlhabolo tsa metse ya bone ka o ne.
“Ke itemogetse gore lengwe la mabaka a a dirang gore batho bangwe ba seka bantsha madi a boroko ke gore matlo mangwe aa bo a se mo seemong se se kgatlhang leitlho,”molaodi a tlhalosa.
O gakolotse maloka a VDC go dira ditumalano magareng ga bone le ope yoo batlang go tsena montlong ya VDCGo a ka rediwa le badirela puso gore faa sa duele ba kgone go mo ntsha go ya ka ditumalano tsa bone.
Lefa gontse jalo, o ga kolotse ba direla puso ba ba ganang go duela matlo a boroko go dira jalo goitsa kgotlhakgotlhano magareng ga bone le botsadi. E ne erile gole pele monnasitilo wa komiti komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Habu, RreAbel Sashoni a ngongorega kwa go molaodi gore badirela puso bangwe bagana go duela boroko ka ba ngongoregela gore matlo ao gaa siama.
Erile a a fa malebo kwa Nokaneng, mokhanselara wa Habu/Nokaneng Rre Johnson kazombongo a ngongoregela go tlhoka therisano magareng ga badire ba matlhoko a leruo le baruitebang le polao ya dikgomo tsa bone fa di tsenye mo terateng e e kgaoganyang leruo le diphologolo tsa naga.
O gwetlhile puso go emisa go bolaya dikgomo go fitlhelela e baakanya terata e e kgaoganyang leruo le diphologolo ka a re tereta eo e sa le e ole.
“Se se re utlhwisang botlhoko le go feta ke gore kwa gotweng leruo le tsenela teng ga gona terata gotlhelele, e sale e digilwe ke di tlou bogologolo selo se se bakang gore le ruo le gobeye gongwe le gongwe ka le sa kgone godupelela gore go kile gab o go na le terata,”o boletse jalo.
Rre Kazombongo gape ongongoregetse go bo barui ba sena kemedi fa dikgomo tsa bone di bolawa, ka jalo gona le kgonagalo ya gore dingwe tsa tsone e bo e le tsa mosekela mpeng tse barui ba tsereng madi ka tsone kwa banking ya NDB ka sekoloto go inamola mo leubeng ka ngwaga wa bo 2008.
Erile a tsibogela ntlha eo, molaodi a re o maswabi go bo botsadi bo sa rerisiwa, fela a tlhalosa fa badiri bao ba diragatsa molao oo teng go leka gom fedisa kanamo ya amalwetse a leruo go a karediwa jwa tlhako le molomo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 May 2015






