Ramokgwebana o ipaakanyetsa go baa kgosi
04 May 2015
Banni ba Ramokgwebana ba rotloeditswe go ikitaa ka thupana go tlhomamisa gore tiro ya peo ya kgosi ya motse wa bone, Kgosi Maulen Dube e a atlega.
Mo phuthegong e e neng e tshwaretswe go abelana megopolo le bana ba motse oo ba ba direlang kwa mafelong a a farologanyeng ka Matlhatso (Motsheganong 2), dibui ka go farologana di ne tsa supa matshwenyego ka go nna maoto a tshupa ga banni tebang le ipaakanyetso tiro eo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Godfrey Smile, o ne a kaya fa tiro eo e le kgolo thata e bile e le bokete, ka jalo go le botlhokwa gore ope a seka a salela kwa morago mo go tsenyeng letsogo mo go diragadiweng ga yone.
Rre Smile o ne a ikuela mo banning ba motse oo go goga mmogo le komiti e e tlhophilweng go etelela pele dipaakanyo tsa moletlo oo. A re ntle le kemo-nokeng ya morafe, ga go ka fa komiti eo e ka kgonang thomo ya yone ka teng; a bolela fa go swabisa thata go bo bone ba go neng go eleditswe go kopana le bone ba ne ba seka ba tsibogela pitso ya bogogi jwa motse.
Rre Smile o ne a itsese batho ba ba felelang mo seatleng ba ba neng ba tsene phuthego eo fa go dumalanwe gore lelwapa lengwe le lengwe mo motseng le ntshe P50 go rotloetsa tiro eo, fa dikgosana tsone di ntsha P200 mme bagakolodi ba ba kgosi bone ba tlhometswe seelo sa P100.
Fa a tlhalosa fa mo nakong eno madi otlhe a a setseng a kokoantswe a sa fete P500, o ne a kaa f aka fa dilo di tsamaang ka teng go thobaetsa ka jaana dikakanyetso tsone di supile fa go tlaa tlhokega madi a a kanang ka P100 000 gore tiro ya go go bewa ga ga kgosi mo setilong e atlege.
O ne a gwetlha banni go ema nokeng maiteko otlhe a a dirwang go ka kokoanyetsa tiro eo madi, a re bosheng jaana banni ba ne ba seka ba dira go utlwala go etleetsa maitiso a itloso bodutu a a neng a tshwerwe mo motseng go leka go leka go bona sengwe sa go ka latlhela mo letloleng.
Go sale foo, Rre Smile o ne a supa gore fa phuthego ya mafelo a beke e ne e atlegile, maikaelelo e ne e le gore bana ba motse ba ba direlang kwa ntle ba thame dikomiti-potlana go ya ka mafelo a ba nnang kwa go one, mme ka bongwe ka bongwe dikomiti-potlana tseo di tle ka maano a go ema-nokeng komiti-kgolo e e mo motseng.
Kgosi Dube o tlhongwa mo setilong sa bogosi jwa motse wa Ramokgwebana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Dick Matopote ka ngwaga wa 2010.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Ramokgwebana
Event : Phuthego
Date : 04 May 2015






