Seemo se tokafetse kwa Mc Connel
04 May 2015
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mc Connell College kwa Tutume, Rre Watson Basoli, a re maduo a a bonala mo sekoleng sa gagwe ka matshwenyego le dikgwetlho tse ba ntseng ba kopana natso di a rarabologa.
Rre Basoli o buile seo mo bokopanong jwa batsadi le barutabana kwa sekole seo ka Labone (Moranang 30). O boletse fa ngogola ka yone nako eno, sekole se ne se setse se latlhegetswe ke baithuti ba le lesome le bobedi ka ntlha ya boimana. A re palo eo e fokotsegile ka monongwaga go dule ba le batlhano fela.
Bogotswana le go thuba dithoto mo go neng go diragala thata kwa matlo a boroko a baithuti le go ne go fokotsegile, a solofetsa batsadi a re ba leka ka bojotlhe go go nyeletsa ka ponyo ya leitlho.
Mogokgo a re go emisa megala ya letlheka gotlhelele go tsena ka kgoro ya sekole ke nngwe ntlha e e ba bereketseng ka go sena dikgang tsa go thubiwa le go utswa kwa matlo a baithuti.
A re gape le maduo a ditlhatlhobo a supa fa ba lebile golo gongwe,selo se a supile fa cellpphone e ne e itaya baithuti tsebe ka ba ne ba sa ithuti. Rre Basoli o ile a kopa batsadi go bua le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo bas a le banyenyane le ditlamorago ga gone.
O ile a kgala batsadi a re ban a le mokgwa wa go tlisetsa ngwana mephuthelwana fela ba bo ba boele morago le go ikopanya le barutabana go utlwa ka fa ngwana a dirang ka teng go seyo mo go bone.
A re gape batsadi bangwe ba fa bana ba bone madi le mephuthelwana e e fetileng selekanyo,a re seo se sira tlhaloganyo ya ngwana. Fa a ba abelana le bone ka maduo a ditlhatlhobo a ngogola,o boletse fa sekole se dikile se lekile fela thata ba kgone go tsaya maemo a lesome le bosupa ba tswa ko go masome a mabedi le bongwe.
A re go santse go tlhaela kemo nokeng ya botsadi,a gatelela ka gore bone e le barutabana ba ititeile ka thupana go bona gore ga ele sengwe ban ne sengwe sa dikole tse di lesome tse di dirileng sentle monongwaga.
Mogokgo a re gape se se motiisang moko go feta,ga a na dithuto dipe tse di tlhaelelwang ke barutabana le ntswa bangwe ele ba nakwana(temporary qualified teachers).
A re gape le boitsholo jwa baithuti bo fetogile mo go bontshang fa ba le mo mooning o le mongwe wa go busetsa sekole kwa dingwageng tsa maloba tse sekole se ne se melediwa math eke mongwe le mongwe.
E ne erile pele,fa a amogela batsadi,modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana,Rre Centy Sebopelo a leboga batsadi go bob a tsile ka dipalo tse di kwa godimo.
Rre Sebopelo o ile a bolela fa go santse go na le batsadi ba ba kolotang madi a PTA le a a duela batho ba ba phepafatsang matlwana a boitiketso a baithuti.A re PTA e kolotwa madi a kanaka P679 400.A re madi ao ba ka kgona go thusa go thiba fale le fale mo ditirong dingwe jaaka go reka metshine e e ntsifatsang dipampiri tsa baithuti gore thuto e tswelele mme maduo a bonale.
O ile a kopa batsadi go ititaya ka thupana go bona gore ba duela madi ao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Bokopano
Date : 04 May 2015






