Banana ba gakololwa go inaakanya le mananeo
03 May 2015
Banana ba kgaolo potlana ya Boseja kwa Mahalapye ba kopilwe go inaakanya le mananeo a puso go intsha mo lehumeng.
Ba kgothaditswe ke modiri mo lephateng la banana, metshameko le ngwao kwa Mahalapye, Mme Maitumelo France, mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe bosheng.
Mme France o tlhalositse fa a sa itumelele gore ga gona monana ope yo o ikopetseng madi a banana kwa Boseja ngwaga o o fetileng. Mme France one a tswelela ka go kopa banana go tswa mo ipelegeng go itebaganya le mananeo a a ba lebaganeng jaaka Tirelo Setshaba, madi a banana, metshameko ya dikgaolo le dikgaisano tsa bodiragatsi.
O tlhalositse fa lenaneo la Tirelo Setshaba le diretswe banana ba ba dingwaga tse di masome a mabedi go ema ka dingwaga tse di masome a mararo. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore baithaopi ba Tirelo Setshaba ba duelwa P600 mme ba beelwa P100 mo letloleng.
O boletse fa Tirelo Setshaba e buletswe banana ba ba dirang dithuto tsa mophato wa boraro go ema ko dithutegong tsa Diploma. Lenaneo le lengwe le Mme France a kopileng banana go inaakanya le lone ke la madi a banana (YDF).
O tlhalositse fa monana a ka ikopela madi go ema mo diketeng tse di lekgolo go itshimololela dikgwebo tsa bone. O tlhalositse fa banana gape ba ka ikgobokanya ba le batlhano ba ikopela madi a a kanang ka dikete di le makgolo a mane le masone a matlhano tsa dipula (P450 000) go simolola madirelo a bone.
O ne a tlhalosa fa monana a duela puso bontlha bongwe jwa madi ao. Mme France o ne gape a rotloetsa banana go itlhamela dikhwaere le ditlhopha tsa mmino wa Setswana gore ba kgone go tsenelela dikgaisano tsa bodiragatsi.
Fa a tswa la gagwe kgosana ya kgaolo e, Rre Mothasedi Ndichi o ngongoregile ka letlhoko la kokelwana mo kgotleng ya gagwe. Rre Ndichi o tlhalositse fa kgotla ya gagwe e sa bolo go solofediwa kokelwana morago ga gore sepatela se se gologolo sa Mahalapye se tswalwe mme le gompieno kgotla ya gagwe ga e na kokelwana.
A re banni ba kgotla ya gagwe ba patelesega go tsaya mosepele o mo leele go ya go kopa thuso ya botsogo mme ba felele ba boela malwapeng bosigo. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgaolo ya gagwe e sena ditsela tse di tsamaegang sentle, a tlatsa ka gore ditsela tsa Boseja di na le dikhuti.
A re selo seo se baka gore bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba gane go ba tsisa mo malwapeng a bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Christopher Dumelang o tlhalositse fa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng di okeditswe go tswa ko masomeng a boferabongwe go tsena ko masome a boferabongwe le borataro.
Rre Dumelang a re lenaneno la Ipelegeng le kgonne go bona ditiro tsa go agelela kgotla e ntsha ya kanamo ka terata le go aga ntlwana e didirisiwa di bewang mo go yone ko lephateng la dipalamo tsa puso mo Mahalapye.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 May 2015






