Badiredi ba Tirelo Setshaba ba abela motlhoki
03 May 2015
E rile bosheng badiredi ba lenaneo la Tirelo Setshaba kwa Werda ba dira pharologano mo botshelong jwa mongwe wa batlhoki, Mme Kenyaditswe Sejanamane.
Ba ne ba abela Mme Sejanamane dijo, diaparo le didirisiwa tsa kapei di akaretsa dijana, itilo le tafole.
Go ya ka moanamisa mafoko wa komiti ya badiredi ba Tirelo Setshaba kwa Werda, Rre Disang Itaoleng, ba re ba ne ba kopa komiti ya ditlhabololo go ba thusa go sekaseka le go tlhopa mongwe yo o dikobodikhutswane yo ba ka mo abelang, ka ba komiti ya ditlhabololo e le bone ba ba dirang thata le morafe ba o itse botoka.
Morago ga go fiwa leina la ga mme Sejanamane, Itaoleng a re ba ne ba ntsha madi mo dikatsong tse ba di fiwang ke puso godimo ga moo ba kopa dithuso mo morafeng go oketsa mo seabeng sa bone.
A re se se ne sa ba kgontsha go reka dijo,diaparo,didirisiwa tse di lopileng madi a selekanyo sa P2070. Rre Itaoleng o ne a tswelela a tlhalosa fa ba ne ba gwetlhiwa ke letshego la tebelopele ya 2016 la go nna tshaba e e kgathalang ebile e le pelotlhomogi mme ba itsolopaganya ba diragatsa letshego le.
O kaile fa ba ne ba bona go le botlhokwa go lemoga thuso e ba e filweng ka go thapiwa ke lenaneo le dikatso tse ba di fiwang tse di ba namotseng mo letlhokong la tiro, lehuma le mo mebileng, ka jalo ba ne ba bona ba tshwanela gore ba direle mongwe tshiamo fela jaaka puso e ba diretse tshiamo.
Moanamisa mafoko a re mo lekokong la bone, bangwe ba setse ba weditse sebaka sa bone sa bodiredi mo lenaneong la Tirelo setshaba mme ba ikemiseditse gore ba tlaa tswelela go supa boikarabelo jwa bone ka go diragatsa tse di ka fetolang matshelo, tikologo le lefatshe ka bophara ka mokgwa o o itumedisang.
E re le fa go ntse jalo Rre Itaoleng o ne a lela sa khuranyo ya meno ka go sa nna teng ga lephata la banana mo ditirong tsa go tshwana le tse tse di dirwang ke bodiredi jwa Tirelo Setshaba le ntswa ba laleditswe.
O ne a kaya fa se se tlhaetsa lephata le go iponela peo e e molemo e lephata le e jwadileng ka go thapa le go fa dikitso bodiredi jwa Tirelo Setshaba le gore ba ka tla ka methale efe e e ka nonotshang peo e go dira mo go fetang fa.
Fa a ntsha la gagwe sebui sa letsatsi Rre Fanuel Mmereki o ne a tlotlomatsa ba lekoko la Tirelo Setshaba la Werda a re banana ba a ikanyege ka ke bone baeteledipele ba isago.
Rre Mmereki o ne a akgola ba Tirelo Setshaba a re ke maiteko a mantle ba seka ba akanya gore se ba se dirileng se sennye ka ga se sa diketekete ba itse gore sejo sennye ga se fete molomo.
O ne a tswelela a ba kgothatsa gore ba tsweledise mowa o a re ba a itshegofatsa ka Baebele le yone e rurifatsa fa go le sego letsogo le le abang. Godimo ga moo Rre Mmereki o kaile fa banana ba e le sekao se se ntle mo go ba ba tutugang kwa tlase ga bone ka e e anyang e leletse e ruta e e mo maleng.
Sebui sa letsatsi o ne a rotloetsa mme Sejanamane go tswelela a tsepame mo tumelong a tshepha Modimo a kaya fa go abelwa mo a go abetsweng e le go iponagatsa ga lorato,tshiamo,ditsholofetso le boikanyego jwa Modimo.
Mme Sejanamane yo o neng a putsaputsa dikeledi tsa selelo sa boitumelo o ne a leboga ba Tirelo Setshaba a ba eleletsa masego le matlhogonolo. O ne a kaya fa banana ba ba mo thusitse fela thata, a supa fa ba mo file lesedi le tsholofelo mo mathateng a a neng a mo haraharile.
Mme Sejanamane o ne a gakolola ba bangwe ba ba nang le dikgwetlho bogolo jang tsa lehuma go tshepha Modimo a fa sekai ka polelo ya ga Jobe mo Baebeleng gore o ne a tswelela ka go tshepha Modimo a re morekolodi wa gagwe oa tshela le ntswa mathata a gagwe a ne a oketsega mme go arabiweng ke Modimo tsotlhe tse di neng di mo latlhegetse di ne tsa busediwa go menaganye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Jojannah Martin
Location : Werda
Event : Kabo dimpho
Date : 03 May 2015






