Itseng batho ba lona-Tema
03 May 2015
Baetelediepele ba motse ba kopilwe go itse batho ba metse ya bone ba ba tlhokang go thusiwa ka mananeo a go tlhabolola matshelo a batho ba magae go hema seemo se mo go sone batho ba ba lebaneng ba sa kgoneng go amogela dithuso ka nako.
E rile a buisa phuthego ya therisanyo go abelana megopolo le boetelediepele jwa kgaolo ya Mogoditshane, mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Wadza Tema, a supa fa a tshwenngwa ke go runya ga dikgang tsa tiego ya go thusa ba ba lebaneng le mororo boeteledipele bo le teng go ka itse ba ba lebanweng ke dithuso.
Mokwaledi Tema a re e re le ntswa a sa nyatse go ikuela ga batho fa ba diegetswe go thusiwa o dumela gore boetelediepele ga bo dire mo go lekaneng go tsaya boikarabelo jwa go tshwaraganela mathata a morafe le bodiredi go na le go supana ka menwana.
A re lephata la boipelego le faraferwe ke mananeo a a itebagantseng le tlhabololo matshelo a morafe ka jaana go botlhokwa gore e re lefa ba dira tiro e ba e rutetswe ya go sekaseka bao ba lebanweng ke dithuso, ba bo ba dira ba tla ba gakololona le boetelediepele.
Mokwaledi Tema o bile a gatelela botlhokwa jwa go tsenya leitlho ga baetelediepele mo dijong tsa batlhoki tse di abelwang batho ba metse ya bone go ema kgatlhanong le go abiwa ga tsone bosigo. O gateletse gore dikomiti le morafe di tshwanela go tlhomamisa gore batho ba amogela dijo tsa boleng jo bo rileng ba di fiwa ka dinako tse di tshwanetseng e se ka sephiri.
O bile a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano ya dikomiti tsa metse le boeteledipele a re go sa lomaganang ga tsone go ka busetsa thata morago tlhabololo ya metse le matshelo a batho ba yone.
Phuthego e ne gape ya lekodisiwa ka go bulwa ga ofisi ya ditirelo, Service Centre kwa mmolong wa Mafenyatlala mo Molepolole, e e tlaa bong e itebagantse le go ntshiwa ga ditirelo tsa boleng le go amogela le go tsibogela Matshwenyego a morafe ka bofefo.
Mokwaledi o bile a ikuela mo go bo rre ba ba phuagantseng bana le bomme ba ba sa kgoneng go itse fa ba rwesitse khansele mokgweleo ka dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba sa tlhokomelweng. Kgosi Seeletso Pule wa Gabane ene a re o tshwenngwa ke go sa lomaganang ga boeteledipele jwa ofisi ya ga molaodi, khansele le ba kabo ditsha mo kgaolong potlana ya Mogodistahen/Thamagare.
A re seemo seo se tshwanetse sa tokafadiwa gore bodiredi jo bo kwa tlase bo tlhofofalelwe ke go diragatsa manaeo a puso. Kgosi Pule a re o tshwanngwa gape ke gore melawana e e laolang tsamaiso ya mananeo a puso ga e salwe morago mme seo se kgoreletse thata go diragadiwa ga mananeo.
Mo dikgannyeng tse dingwe barutabana ba kgaolo eo ba ngongoregile ka bodiredi jwa khansele jo bo sa dirisanyeng nabo ka go ganelela mo matlong a dikolo le mororo ba gana le gone go duela.
Ba re seemo seo se a ba kgoreletsa ka jaana se tsenya kgotlhang fa gare ga botsamaisi jwa dikolo le barutabana ka jaana dikolo di lebanwe ke tlhaelo e e kwa godimo ya matlo a boroko. Le fa gontse jalo Rre Tema a re boetelediepele jwa dikolo bo tshwanela go bo bo dirile thulaganyo e e tlamang baikopedi mme e re go pala dikgato tse di maleba di tsewe ka fa tlase ga bogakolodi jwa mmueledi wa khansele
Mokhanselara wa kgaolwana ya Thamaga bokone Rre Palelo Motaosane, a re fa ditirelo di ntshiwa ka maikutlo, go santse go tla nna thata go fokotsa dingongorego tsa morafe.
Mokhaselara wa kgaolwana ya Thamaga bophirima Rre Tona Selala, ene o gakolotse botlhokwa jwa go rerisanya le boeteledipele ka mananeo go hema go ganetsanya le bodiredi mo go bakwang ke go tlhoka kitso ya se se diragalang, a fa sekai ka lenaneo la bana le bogole gore go na le ketsaetsego mo go diragadiweng ga lone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 03 May 2015






