Mokgatlho wa Shegotja Molelo o a gola
03 May 2015
Modulasetilo wa mokgatlho wa Shegotja Molelo, Mme Goleba Mokwena a re mokgatlho wa bone o dira tse dintsi.
Mme Mokwena o buile se mo puisanong bosheng a kaya fa mokgatlho wa bone o o nang le dingwga di le supa ebile o itsege thata ka go thusa maloko a one ka tsa thulaganyo tsa phitlho, dithuso ka tsa dijo le madi ga o sa itebaganya fela le go dira jalo.
E rile a tlhalosa a bolela fa mokgatlho o wa bomme o itebagantse gape le go inola bomme mo lehumeng ka go ba bopa digongwana go rutana ditiro tsa diatla tse di tshwanang le go bopa dinkgwana, go loga ditlatlana le go roka. “Re kgona gape go sidila maikutlo a maloko fa ba na le mathata” Mma Mokwena a tlhalosa.
Fa a tswelela ka go nankola tse mokgatlho o di dirang,Mma Mokwena o ne a tlhalosa fa ba na le leloko la bone ebong Mme Mmadiphuthego Tshipa monni wa Letlhakeng yo ba mo thusitseng ka semausu mme ba ne ba golaganye le ba Botswana Building Society go dira tiro e ntle e.
Mma Mokwena a re semausu seo se ne sa neelwa mong wa sone ka ngwaga wa 2013 fa mokgatlho o bulwa semmuso kwa Letlhakeng. O tsweletse a bolela gape fa ba bereka le ba mokgatlho wa Village Leadership Council o o itebagantseng le go tsenya letsogo mo go tsa ditlhabololo.
Fa a wetsa Mma Mokwena o ne a tlhalosa fa ba na le dikeletso tse dintsi tsa go godisa mokgatlho wa bone,o boletse fa ba ikaelela go bula lebentlele kwa Maboane le ba tlaa rekang dijo tse ba thusang kwa diphitlhong ka tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 03 May 2015






