Ba kopa sekonotere
03 May 2015
Banni ba metse ya Poloka le Mokgenene mo kgaolong ya Shoshong ba re lentswa mmuso o lela ka tlhaelo ya madi, ba kopa gore tsela e e tshwaraganyang metse ya bone e tshelwe sekontere.
Ba dirile kopo e mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Phillip Makgalemele bosheng, tse mo go tsone a neng a ba tlhalosetsa ka melao e e dumelanweng ke palamente.
Ba re fa tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Poloka, Mokgenene le Otse e ka tshelwa sekonotere le go gokelelwa motlakase bontsi jwa bagwebi ba ka kgatlhegela go tlhoma dikgwebo kwa metsing eo mo go ka direlang banana ba le bantsi mebereko.
Ba boleletse mopalamente wa bone fa ba tshwenngwa ke letlhoko la boroko jwa badirelapuso, tlhaelo ya bodiredi, tlhaelo ya dipalamo gammogo le letlhoko la motlakase le ditlhaeletsano mo ba reng go busetsa ditlhabololo tsa metse ya bone kwa morago.
Batho ba metse eo ba ba neng ba akgolela Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama go tswa ka mananeo a a ka tokafatsang matshelo a Batswana jaaka lenaneo la nyeletso lehuma, Ipelegeng, ISPAAD, LIMID le la banana la Young Farmers Fund, ba lebogetse mopalamente go romela banana ba metse ya Moralane, Mokgenene le Poloka kwa lefatsheng la India goya go ithutela ditiro tsa motlakase wa marang a letsatsi.
E rile Rre Makgalemele a itebagantse le dikopo tsa bone mabapi le tsela, a bolela fa lephata la dipalamo le ntshitse thendara ya batho ba ba ka ikopelang go dira tsela eo ka go e tshela lekgarapana e bile a bolela fa mmuso o seegetse madi mangwe fa thoko go dirisiwa mo go rekeleng maphata dikoloi ka lenaneo la motse le motse koloi mo ngwageng wa madi wa 2015/16.
Mabapi le seemo sa leuba le le bakilweng ke dipula tse di boutsana, o boletse fa Tautona a tlhomile lekoko le le sekasekang seemo sa leuba mo dikgaolong tsa lefatshe leno, mme a re morago ga pego e e tlaa rolwang ke lekoko leo Tautona o tlaa tsaya ditshwetso tse di maleba go ema Batswana nokeng.
Rre Makgalemele o tsweletse ka go bolelela batlhophi ba kgaolo ya Shoshong fa boikarabelo ja gagwe e le go etelelapele tsamaiso ya nyeletso lehuma. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 03 May 2015






