Breaking News

Sepodise se rotloetsa thuto

03 May 2015

Mookamela sepodise sa Botswana Rre Keabetswe Makgophe a re thuto e na le seabe se segolo mo itsholelong.

Rre Makgophe o buile se kwa moletlong wa kabo dimpho ya diphadisano tsa maduo a bosupa a dikole tse di potlana tsa kgaolo ya Middlepits  tse di akaretsang Kolonkwaneng, Bogogobo, Middlepits, Khuis, Gakhibane le Khawa, o o neng o tshwaretswe kwa Middlepits bosheng.

E re ka maikaelelo a sepodise e le go fa setshaba bodiredi jo bo nang le boleng , mookamela sepodise o ne a tlhalosa fa tiro ya sepodise e se go tshwara badira melato fela mme le go thusa mo go tlhabololeng le go tokafatsa matshelo a setshaba.

A re ke sone se ba boneng go le botlhokwa go dira pharologano mo go tokafatseng  seemo sa thuto a kaya fa thutego e tlisa boikarabelo le  boipelego mme go nyeletse botlhokatsebe ka botlhoki le jone e le kgogedi mo go tlhokeng tsebe.

E re ka mogologolo a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata Rre Makgophe o ne a tlhalosa fa sepodise sa Middlepits se ne sa ikopanya le dikole le morafe wa Middlepits  ba bona go le botlhokwa go dira phadisano e e ka tlisang mowa wa go bereka thata go nna mofenyi le go kgothatsa bana,batsadi le barutabana go ntsha ga tshwene mo go tokafatseng maduo a lokwalo lwa bosupa.

Godimo ga moo o ne a kaya fa phadisano e ba ne ba e simolodisa ka ba ne ba bona fa e ka thusa bana ka go ba fa mowa wa go tlhwaafalela dithuto tsa bone mme ba felele ba rutega ba iperekela ebile ba ipelega mme se se nne le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe.

Rre Makgophe o ne a gatelela fa thuto e ka nna le seabe sa go fetola le go tokafatsa itsholelo  a fa sekai ka lefatshe la Singapore le lennye le le senang ditswammung le a reng itsholelo ya lone e ikaegile ka thuto mme le humile go feta le one mafatshe a  a matona a a nang le ditswammung.

Mookamela sepodise sa Botswana o ne a akgola baithuti ba ba neng ba kwala lekwalo lwa bosupa ngwaga e e fetilng, batsadi ba bone le barutabana ba sekole sa Middlepits se se tsereng sekgele sa phadisano e ngogola  a re ke maiteko a  mantle fela thata gape ke sesupo sa gore ba tshwaragane mo moonong wa go tokafatsa maduo a thuto.
O ne a ba kopa gore ba tshegetse maduo a ebile ba a tokafatse.

O ne a itsise bogogi,baithuti le batsadi ba sekole sa Middlepits fa go itsege ba na le dikgwetlho jaaka metlobo ya dibuka e e tlhabologileng le letlhoko la tsa maranyane a inthanete le dikhompiutara, mme a ba gakolola gore dikgwetlho tse di seka tsa ba isa tlase ba tsepame mo go tokafatseng maduo ka gonne dikgwetlho di tla nna di ntse di tlhagelela.

E re le fa go ntse jalo Rre Makgophe o ne a ngongorega ka bana ba ba gogang motsoko ba sale bannye, a kaya fa go tsweng mo go gogeng motsoko ba tsena mo legatong la go nwa bojwala,mme le motokwane ba feletse ba o goga pheletsong ba dirise ditagi tse di borai di tshwana le cocaine mme go reye gore ba dira borukutlhi ka methale yotlhe ba thukhuthe batho madi le dithoto go reka ditagi tse.

A re  se se ka paledisa letshego la Tebelopele ya 2016 ya go nna setshaba se se babalesegileng. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole sa Middlepits mme Montle Sethebe o ne a leboga sepodise sa Middlepits ka seabe sa bone mo phadisanong e a kaya fa e tokafaditse maduo a lokwalo lwa bosupa mo dikoleng tse di potlana tsa Middlepits cluster.

Mme Sethebe  o kaile fa pele ga kgaisano e maduo a dikole tsotlhe tsa bokopano jwa kgaolo ya Middlepits a ne a le kwa tlase fela thata kwa ntle ga sekole sa Gakhibane se se neng se pasa ka selekanyo  masome matlhano le bobedi mo lekgolong.

Morago ga tshimolodiso ya phadisano e mogokgo wa sekole sa Middlepits a re dikole di ne tsa simolola go kgaratlha di fetola maduo mme sekole sa Gakhibane se ne sa tshwara sekgele se  sebaka sa dingwaga tse tharo, mme ka ngwaga wa 2014 se ne sa tsewa ke sekole sa gagwe.

O ne a supa fa keletso le maikaelelo a sekole sa gagwe e le go tshegetsa sekgele se ka maduo a a kwa godimo ga a ngogola. Mogokgo wa sekole sa Middlepits o boletse fa ba lebaganwe ke kgwetlho ya go tlhoka sejanaga a re se se ba ketefaletsa go dira ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tse di tlhokang maoto a a motlhofo a a bonako.
Kgwetlho  nngwe e Mme Sethebe a e buileng ke ya letlhoko la ntlo ya boithutelo ya bananyana ba ba simololang (pre school).

Mme Sethebe a re  letlhoko la ntlwana e go ka beelwang dikhompiutara mo teng a re le paledisa  baithuti gore ba nne le tshono ya go itse khompiutara mo go leng botlhokwa ka jalo o ne a kopa banaleseabe go ba tswa thuso mo dikgwetlhong tse di lebaganeng sekole sa gagwe.

Sekole sa Middlepits se se fentseng dikole tse dingwe mo phadisanong e, se ne sa abelwa dimpho di akaretsa  sekgele (trophy) le madi go tswa kwa sepodising sa Middlepits le sepodisi sa Botswana fa dikole tse dingwe di ne tsa fiwa mpho ya kgothatso ya dibolo tse tharo le madi.

Moithuti yo o neng a fentse baithuti botlhe ba lokwalo lwa bosupa ngogola mo kgaolong e, Lily Titus yo o neng a tsena kwa sekoleng sa Khuis o ne a fiwa beke ya dibuka, madi ke ba sepodisi sa Middlepits le sepodisi sa Botswana le Tona Kitso Mokaila, mme moroki mo Middlepits o ne a mo segela kapari ya sekole. Baithuti ba sekole ba ba kwadileng lokwalo lwa bosupa ngogola ba ne ba fiwa madi go ya ka fa ba itekileng ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Jojannah Martin

Location : Middlepits

Event : Kabo dimpho

Date : 03 May 2015