Breaking News

Ba iponatsa fa pele ga lekgotla

30 Apr 2015

 Banna ba le bararo ba dingwaga tse di magare ga 25 le 50 ba iponaditse fa pele ga mmakaseterata wa Molepolole, Mme Faith Dlamini-Ngandu morago ga go nna ba belaelwa mo bogodung jwa dithoto tsa madi a ka tshwarang dikete tsa dipula di le masome a mararo le bongwe ( P31 000).

Babelaelwa ebong Raseletse Ramashi, Moagi Ramotlabaki, ba tlholega ko kgotleng ya Lekgwapheng mo Molepolole fa Philemon Mpofu ene a tlholega kwa Sefoke kwa Tlokweng. Boraro jo bo lebisitswe melato e mebedi ya go thuba ntlo le go utswa.

Go tlhalosiwa fa e ne ya re ka Sedimonthole a le masome a mabedi le boraro ngogola, basekisiwa ba thuba ntlo ya ga Rre Ricky Modongo kwa masimong a Mmamagano mo Monwane. Go bolelwa fa babelaelwa ba utsule dithoto di tshwana le bolao, generator dikobo, le tse dingwe.

Le fa go ntse jalo, mosekisi Inspector Uyapo Koketso wa mapodisi a Molepolole tlhaloseditse lekgotla fa dingwe tsa dithoto di ne tsa bonwa mme tse dingwe di bonwe di setse di rekisitswe ko Sojwe, fa dingwe tsone di fitlhetswe mo mongweng wa babelaelwa.

Mmelaelwa wa ntlha Ramashi o ne a kopa lekgotla gomo letlelela go emela tsheko ko ntle ka mabaka a gore ke lantlha a tshegetswa mo kgolegelong ka jalo e mmabaletse. Ramotlabaki yo e leng mmelaelwa wa bobedi, le ene o kopile o letela tsheko kwa ntle ka a tshwanetse go tlhokomela leruo la gagwe le a le phuagantseng. Mmelaelwa wa boraro Mpofu ene o boletse fa a sa amane ka tsela epe le molato yo a o lebisitsweng.

Mosekisi Inspector Koketso o ne a seka a nna kgatlhanong le boikuelo jwa babelaelwa jwa gore ba emele tsheko ko ntle. Mmakaseterata Dlamini-Ngandu o ne a atla kopo ya babelaelwa mme a ba laela go iponatsa mo pele ga lekgotla ka dinako tse di beilweng le go seka ba nna babelaelwa mo melatong e mengwe. Go ikgatholosa melawana e, go tlaa tlama babelaelwa go duela dikete tse pedi tsa lekgolo mongwe le mongwe wa bone.

Babelaelwa ka boraro ba tla iponatsha fa pele ga lekgotla ka Motsheganong a tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Bonang

Location : Molepolole

Event : Lekgotla

Date : 30 Apr 2015