Breaking News

Melao ya bojalwa e ntsha maduo

30 Apr 2015

Go fokodiwa le go laolwa ga dinako tsa thekiso ya majalwa go tsisitse thitibalo le thokgamo ga mmogo le go fokotsa dintwa mo metseng e e kgakala le ditlhabololo.

Kgosi ya Sorilatholo, Rre  Phemelo Olebetse, o bolela fa botlhokatsebe jwa banana le dintwa tsa mo motsing di wetse tlase fela thata e sale melao ya go laola go nowa le thekiso ya majalwa e tsena mo tirisong.

“Rraetso dititeo le botlhogoethata jwa banana bo ile kwa tlase, ga re sa tlhole mo dikgotleng re seka dikgetsi tse di kalo tsa boganana le botlhokatsebe, bana ba rona jaanong ba a reetsa. Seemo ga se sa maloba, melao e e thusitse thata,” go tlhalosa Rre Phemelo.

Kgosi o tswelela a supa fa medumo ya digumbagumba e e neng e le selomodiro mo marekisetsong a majalwa e fokotsegile mme se sa digela tlase bosinyi jo bo neng bo dirwa ke dirukutlhi di iphitlhile ka batho ba ba neng ba gobeya masigo.

Ba bogosi jwa motse ba supa fa baruta setshaba ka botlhokwa jwa melao ya Penal Code mme batho ba simolotse go reetsa le go tlhaloganya.

“Bontsi jwa sebaka ba ne ba lebega e le boganana mme ba ne ba dirwa ke go tlhoka kitso ka go nna kgakala le ditlalemo ga metse ya rona.

Ka thuto ya rona ba simolotse go bona lesedi le bomolemo jwa go agisana sentle le ba bangwe,” kgosi a tlhalosa. Rre Dikhabi Boy wa mapodisi a baitlhaopi (cluster policing) o bolela fa seemo se tokafetse fela thata mo motseng le fa gone go seke go tlhoka maidi a bana.

“Gone go na le fale le fale fa banana ba tshwenyang ka go nwa majalwa mme re ba tsenya mo tseleng re ba ruta boitshwaro jo bo eletsegang,” Rre Boy a tlhalosa.

O supa fa ba fokoditse medumo ya majalwa ka go dikologa motse ba potiela bosigo le bosigo go bona ba ba rekisang go feta nako tse di beilweng, mme o tlhalosa fa jaanong batho ba sidilegile maikutlo ba amogetse seemo. Rre Boy a re setshaba sa Sorilatlholo se amogela le go bona mosola wa tiro ya bone.

“Re tlhagisa banni ka bodiphatsa jwa bojalwa mo botsogong mme go lebega re le mo tseleng e e siameng.” O kgaphela kwa thoko mogopolo wa gore bojalwa bo thusa ba ba dikobo dikhutshwane, a re go na le ditsela tse dingwe tsa go dira madi. O kgothatsa banana go tlogela bojalwa ka bo baka mathata a mantsi a botshelo le go gakatsa kanamo ya HIV le AIDS. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Emmanuel Tlale

Location : Sorilatholo/Monwane

Event : Potsolotso

Date : 30 Apr 2015