Raphaka o rotloetsa badiri
29 Apr 2015
Mokwaledi wa lephata la ditsha le matlo, Rre Thato Raphaka, o rotloeditse badirelapuso ba lephata la gagwe go isa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng le go sa sokameleng ntlha epe fa ba di isa gore setshaba se ba tshepe.
A re badirelapuso ba lephata la gagwe ke bone batlhokomedi ba se se botlhokwa mo matshelong a Batswana, e bong lefatshe, ka jalo ba tshwanetse ba ise tshepo e ntsi kwa go bone gore lefatshe la bone le mo diatleng tse di phepa.
Rre Raphaka o ne a bua jalo kwa pulo semmusong ya bokopano jwa babereki ba lephata la ditsha le matlo kwa Palapye bosheng. O tsweletse a re badirelapuso ke batlhanka ba setshaba ka jalo ba tshwanelwa ke go nna boikobo le go nna maitseo mo go mongwe le mongwe.
A re boitshwaro jwa badirelapuso e tshwanetse e nne jwa maemo a a kwa godimo gore bodirelapuso bo nne le boleng mo setshabeng.
Rre Raphaka a re babereki ba lephata la gagwe ba tshwanelwa ke go leba kwa morago ba bo ba ipotse gore ba dirile eng le go ya kwa pele ba tsile go dira eng se se pharologanyo mo lephateng la bone.
O ne a gwetlha mmereki mongwe le mongwe mo lephateng la gagwe go nna le tebelopele ya go ipona e le baeteledipele mme ba ka tsaya lefatshe la bone go le isa kwa maemong a a kwa godimo.
A re ba tshwanetse gape ba nne le boikarabelo mo ditshwetsong tse ba di tsayang gore go fitlhelelwe mo maitlamong a lephata. Rre Raphaka a re bokopano joo jo bo tshwarwang ngwaga le ngwaga mme e le jwa boraro, ke kgatelopele e kgolo e e beileng lephata la gagwe kwa setlhoeng.
A re babereki botlhe ba lephata la gagwe ba nnile le seabe se segolo mo go le beeng mo maemong a le leng mo go one. A re ba ne ba dira ka seopo se le sengwe go sena yo o gogelang ntlha e sele.
Rre Raphaka a re ntswa go na le diphitlhelelo mo lephateng la gagwe go na le dikgoreletsi tse di bayang lephata la gagwe ka fa mosing di tshwana le go abiwa ga lefatshe mo go bonya le mokgwa mongwe o o sa itumediseng wa badiri bangwe.
A re puso ya lefatshe leno e na le tsholofelo e ntsi mo badirelapusong ka e le bone ba tsamaisang mananeo a puso a ba a tlatsa ka gore Batswana ba na le tshwanelo ya go fiwa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa ntle ga pelaelo epe.
Bokopano jwa lephata la ditsha le matlo jwa malatsi a mabedi bo ne bo akaretsa dikgaisanyo tsa bommabontle le borrabontle, kgaisanyo ya maphata a a ka fa tlase ga lephata la ditsha le matlo le dikgaisanyo tsa dikhwaere tsa moopelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Pulo semmuso ya bokopano
Date : 29 Apr 2015






