Breaking News

Balekane ba Botswana ba semeletse

29 Apr 2015

E re ka Batswana ba ipaakanyetsa go ipelela dingwaga di le masome a matlhano lefatshe la bone le tsere boipuso, balekane ba Botswana ba Jwaneng ba tshwere ka thata gore seabe sa bone se bonale.

Morago ga go tlhongwa ga mmabontle wa balekane ba Botswana ba kgaolo ya Jwaneng ka kgwedi ya Lwetse ngwaga o o fetileng, Mme Jabu Radipitse o ne a ema ka dinao go diragatsa thomo ya gagwe jaaka moemedi wa setlhopha seo.

Erile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Radipitse a tlhalosa fa ene le molekane wa gagwe wa rre yo le ene a yang go emela kgaolo ya Jwaneng ba semeletse mo ditirong tse di itebagantseng le korone e ba e rwesitsweng ngogola.

A re morago ga go rwesiwa korone eo, ba ne ba ikaelela go agela mme mongwe wa motlhoki wa molekane wa bone ntlo kwa motseng wa Sese.

Ka jalo, Mme Radipitse o tlhalositse fa ba tsweletse ka dithulaganyo tse di farologanyeng tsa go kokoanya madi a kago eo. A re ba simolotse ka go kopa madi mo setshabeng ka mogopolo o ba neng ba o bitsa ‘Thuba Setena’, o ka one batho ba neng ba “reka” ditena tsa ditlhwatlhwa tse di farologanyeng.

Ene yare bosheng gape a tlhagolela Balekane ba Botswana ka ene tsela ka go apaya a ba a rekisa dijo tsa motshegare. Mme Radipitse o boletse fa a ne a dira jaana a ntsha mo kgetsing ya gagwe mme a fiwa thotloetso ke rabontle gammogo le masika le ditsala.

A re maikaelelo ene ele one a go kokoanyetsa letlole la bone madi gammogo le go rotloetsa balekane ba Botswana gore le bone ba tsweledise fa ba ka kgonang teng.

Mo godimo ga moo, o tlhalositse fa maikaelelo magolo a gagwe ele go itebaganya le batlholagadi, ba a reng o lemoga ekare ba kgaphetswe ntle mo mananeong a a itebagantseng le ditlhopha tse di faphegileng.

A re o eletsa go thulanya ditlhogo le bana le seabe ka go farologana gore kwa pheletsong a kgone go kokoanya batlholagadi ba kgaolo ya Jwaneng ba arogane megopolo e e k aba idilang maikutlo ya ba ya ba tshidisa.

A re o tlhophile mogopolo wa go thusa batlholagadi ka jaana a lemoga ba seke ba umakiwa mo mananeong a tshwana le go phakisiwa dijo. A re mo godimo ga moo o ne a itemogela fa bomme ba mohuta oo ba kopana le dikgwetlho tse di botlhoko ka jaana a di bonela mo mongweng wa lelwapa la gagwe.

E re le fa a tshwaragane le namane e tona ya go diragatsa megopolo ya gagwe, Mme Radipitse o tlhlositse fa mme a tsweletse ka go itlhokoletsa legato le lengwe la mmabontle wa Balekane ba Botswana, le mo go lone go tlaa bong go tlhophiwa ba le lesome ba ba yang go phadisanya kwa makgaola kgannyeng ngwaga o o tlang.

Are ene le molekane wa gagwe war re ba tsweletseka go baakanya mebele ka itshidilo, gammogo le gone go tsomana le diaparo tse ba tlaa bong ba phadisanya ka tsone. O lebogetse thotloetso ya bogogi jwa toropo le setshaba ka kakaretso, a supa fa dikgakololo tsa bone di le dintle mme ebile di ba nonotsha mo tirong eba e dirang.

O ne a kopa dikompone tse di ikemetseng ka nosi go tsenya letsogo ba thusa ka se b aka se kgonang ka jaana tiro e ba e tshwereng ele Balekane ba Botswana e otlelela tebelopele ya lefatshe leno ya tshaba e e lorato. Ends

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Potsolotso

Date : 29 Apr 2015