Borre Ba UCCSA ba a itshekatsheka
29 Apr 2015
Borre ba kereke ya United Congregational Church in Southern Africa (UCCSA) ba ne ba kokoane kwa Jwaneng ka mafelo a beke mo bokopanong jwa go seka-seka seabe sa bone ele borre.
Bokopano joo ene e le jwa boraro fa e sale kereke eo e simolodisa lekgotla la borre dingwaga tse tharo tse di fetileng.
E rile a bua kwa pulong semmuso ya bokopano joo ka Matlhatso, modulasetilo wa lekgotla la borre, Rre Gaaipone Lesedi, a tlhalosa fa ba na le maikarabelo a magolo a go bona gore melawana ya kereke e a diragadiwa e bile e salwa morago ka fa go tshwanetseng.
A re kokoano ya mofuta oo e itebagantse le gore batle go itshekatsheka ele borre go bona gore seabe sa bone e ka nna eng mo go busetseng kagiso le thitibalo mo malwapeng le mo setshabeng ka kakaretso.
Rre Lesedi o boletse fa go utlwisa botlhoko gore ebe borre ban a le seabe mo ditshokamong tse di aparetseng lefatshe leno mo bogompienong, a tlhalosa fa ele nako ya gore ba itseye motlhala ba bone fa ba duleng mo seporong teng.
A re borre ka tlholego ya bone ba tshwanetse ba nna basireletsi ba malwapa gammogo le baletlanyi fa go sena kutlwano, eseng go nna bakgokgontshi ba bomme le bana. O ba gwetlhile go ema ka dinao go fetola seemo ba bo ba boela mo maemong a bone a go lere kagiso mo matshelong a ba ba tshelang le bone.
E rile a tswa la gagwe, Rre Solly Ketshabathupa yo eleng monana a re o leboga fa erile morago ga lobaka ga felela go kgonagala gore lekgotla la borre le nne teng ka jaana ele gone kw aba ithunang dinta teng. O ne a kopa baphuthegi gore ba tswelele ka go laletsa le go rotloetsa borre ba bangw e ba kereke eo go tsena diphuthego tsa lekgotla leo gore bat le go abelana maele.
O ne gape a kopa bagolo ba kereke gore ba seka ba tlogela banana kwa morago mo mererong ya lekgotla leo ka jaana go le botlhokwa gore batle go anya megopolo le botlhale mo go bomabutswapele ba kereke batle ba tsweledise go ya pele.
E ne erile a ba amogela mo toropong ya gagwe, Kgosi Segale Letshele a tlhalosa fa borre ba itlhokomolositse boikarabelo jwa bone jaaka ditlhogo tsa malwapa mme ebile ba tlhotlheletsa botlhoka tsebe jo bo aparetseng tshaba ya Botswana.
A re malwapa a tlhaktlhakane ka ntata ya borre ka jalo go tshwanela gore ba itshekatsheke ka bonosi ba bone gore seabe sa bone ke eng mo dilong tse di maswe tseo. A re ere ka jaana go thubega ga malwapa go golela pele Botswana ka kakaretso, borre ba tshwanetse ba ema ka dinao go fetola seemo ka go intsha mo dikgannyeng tseo.
A re fa ba ka boela go diragatsa boikarabelo jwa bone le gone go busetsa malwapa mo seemong se se eletsegang lefatshe leno le ka kgona go fitlhelela maikaelelo a lone a ngwaga wa 2016.
Bokopano joo gape bo ne jwa itebaganya le go sekaseka seabe le dikgwetlho tsa borre mo matshelong a segompieno go akarediwa ditshetlana di tshwana le tlhokomelo le kgodiso ya bana, tlhokomelo ya lelwapa, boeteledipele jwa borre mo kerekeng le ko ntle gammogo le thomo ya bone mo kerekeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Jwaneng
Event : Bokopano
Date : 29 Apr 2015






