Go ngwega ga baithuti go a tshwenya
29 Apr 2015
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Phuduhudu a re ba tshweneygile thata ka baithuti bangwe ba dikole tse dikgolwane ba ba ngwegang kwa dikoleng.
Rre Onkamile Tlhogo o boletse mo potsolotsong gore baithuti ba ka tshwara lesome go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Motlopi ba boetse gae ka mabaka a bone.
A re mabaka mangwe a baithuti ba neng ba a baya batsadi pele ke gore gab a je sentle kwa sekoleng ka ntlha ya letlhoko la metsi A re kgang eo botsadi bo ne jwa e latedisa kwa sekoleng mme b a fitlhela e sena boammaruri.
A re maiteko a ne a dirwa go fudusa baithuti kwa sekoleng seo go ba isa kwa Makalamabedi mnme tema ya bone ga ya tswa maduo ape ka ba ne ba tswelela ka go ngwega a tlatsa ka gore gompieno baithuti bao ba thubile kobo segole mo gae.
Rre Tlhogo a re kgang eo e ne ya tshwenya morafe thata mme ba thulanya diltlhogo go simolodisa komiti ya batsadi e e ka itshwaraganyang le bogogi jwa sekole go lwantsha seemo seo. A re o motlolo ka jaana baithuti ba mophato wa ntlha ba ngwaga one ba tshwere ka natla ko sekoleng.
O tsweletse a re komiti ka thotloetso ya morafe e tshwere ka natla go rurufatsa gore baithuti ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo. Rre Tlhogo a re gangwe le gape komiti eo e etela kwa sekoleng go lekodisana le bogogi jwa sekole ka tiro ya bana.
O boletse fa bothata jwa go ngwega kwa sekoleng bo bonala mo baithuting ba dikole tse dikgolwane fela a re ba dikole tse dipotalana bona ba tsena sentle e bile maduo a bone a nametsa.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Tlhogo o tlhalositse fa ditlhabololo di le boutsana mo motseng ka jaana go tsaya nako gore kopo ya bone e atlege kwa pusong. Banni ba Phuduhudu ke ba letso la Sesara mme Rre Tlhogo o supile fa komiti le yone e dirisanya sentle le morafe.
A re gompineo ditlhabololo tse ba di fitlheletseng ke matlo a ba a hirisang a a reng le one ga a dire dipoelo tsa sepe tse di ka tlisang ditlhabololo ka ba lopa madi a a magare ga P80 le P100 fela. A re b a Trust ba ba thusitse go gokela motlakase mo matlong mangwe.
O supile fa letlhoko la mmereko mo motseng le dirile gore bagolo le banana ba inaakanye le lenanao la Ipelegeng ka bontsi. Rre Tlhogo a re lenaneo leo ke lone le tshwereng matshelo a banni ka jaana b a kgona go tlhokomela ba malwapa a bone.
A re e re le ntswa mananeo a banana a le teng, sebe sa phiri ke gore ga ba atlege fa ba ikopela a tlatsa ka gore ga gona monana ope yo o thusitsweng ka mananeo a banana. A re bontsi bo kgonne go bona thuso mo go la nyeletso lehuma.
Rre Tlhogo a re banana ba feta lesome ba kgonne go itshimolodisetsa dokgwebo ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma a supa fa dikgwebo tseo di tsweletse sentle. O supile ngongorego ya gore banana ba felela ba dira dikgwebo tse di tshwanang mme seo se bolaye mmaraka o o teng.
A re o dumela gore fa mapahata a mangwe a tshwana le a banana, temo thuo le Gender Affairs ba ne ba ka atumetsa ditirelo tsa bone kwa banning, banana ba ne b a ka ikgethela dikgwebo tse di farologanyeng.
O gwetlhile maphata ao go ititaya ka thupana gore morafe o kgone go nwa mororo mananeo a puso. Kwa bofelong Rre Tlhogo o kopile puso go sekaseka kgang ya molelwane a re e ba baya ka fa mosing bogolo jang fa ba batla go rekisa leruo la bone.
A re motse wa bone o wela mo kgaolong ya Ngamiland mme fa go buiwa ka bolwetsi jwa tlhako le molomo ba a amegea lentswa molelwane o felela kwa kgorong ya Makalamabedi. O tsweletse a re seo se dira gore ba wele mo zone e sele mme jaanong sebe sa phiri ke gore gab a kgone go rekisa leruo la bone go itshetsa le fa e el go simolodisa dikgwebo tsa leruo ka mananeo a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 29 Apr 2015






