Breaking News

Komiti e itumelela tirisanyo mmogo

29 Apr 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa Xhosa 1 kwa Mahalapye, Mme Gabofele Sabangwe, o galaleditse tirisanyo ya bone le maphata a a farolaganyeng a puso.

Mme Sabangwe o buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, bosheng.

E rile fa a lekodisa mopalamente ka komiti ya bone, Mme Sabangwe a tlhalosa fa ba na le tirisanyo ya motia le maphata a puso. A re mokhanselara wa bone o bereka ka thata go ba biletsa botlhe ba ba tlhokanang le dithuso tsa bone selo se ba neng ba sa se se itse gotlhelele pele.

A re ba na le tshwaragano le dikolo tse di mo kgaolong ya bone , kokelwana le tse dingwe e bile ba solofetse le ditlhabololo jaaka go okeletswa matlwana a borutelo.

Mme Sabangwe a re one a ntse a ngongorega ka palo e e ko tlase ya babereki ba ipelegeng mme jaanong seo se fetogile ka palo e tsholetsegile e bile banana ba e tsaa ka tlhwaafalo.

O tlhalositse gore komiti ya gagwe e mo dipaakanyong tsa go agela motlhoki mongwe ntlo e ba tla a e ntshetsang madi , go dira dijo tsa maitseboa le go kopa dithuso mo dikereke tse di farologanyeng.

One a kopa Mopalamente gore ba sekaseke go dira gore kokelwana ya bone e dire tsatsi lotlhe ka e ntsha ditirelo tse di kgotsofatsang e bile go sokodisa fa go na le molwetsi yo o tlhokang thuso ka bonako go ya dikokelong tse di kgakala bosigo.

Mo dikganyeng tse dingwe banana ba tlhalositse fa ba itemogela tiego mo lenaneong la lenyeletso lehuma ntswa ba ne ba tseneletse ikatiso bofelong jwa ngwaga e e fetileng.

Monana Rre Lucas Jacob a re ene o rontshiwa lenaneo la nyeletso lehuma ka mme yo a tshelang nae a setse a thusitswe ka lone.

Monana yo mongwe Mme Segomotso Moreetsi one a tlhalosa fa a ne a ntshiwa mo ithutuntshong ya lenaneo malatsinyana a a ntse a le tseneletse ka a ne a bona tiro ya nama o sa tshwere a santse a letile.

E rile fa a araba matshwenyego a bone Mme Tshireletso a tlhalosa fa puso e tla a aba gape madi a go thusa bananamo ngwageng o mosha wa madi.

A re puso e lemoga gore go nale baratani b aba nnang mmogo lebaka le leele ka jalo go ka nna thata gore botlhe ba fiwe mananeo ka go dumelwa ba nna mmogo ba ka dira mo lenaneong le lengwe mmogo.

A re ga go a tshwanela gore ere o thapilwe go dira mo lebakeng le le khutshwane o bo o ntshiwa mo lenaneong gotwe o a dira ka e se tiro ya se nnela ruri.

One a tlhalosetsa banni ka molao kakanyetso wa gore matimela a nne dikgwedi tse tharo a tshegeditswe le gore a tswe ko malatsi a masome a mararo go ya ko go lesome le bone go isiwa ko matimeleng .

A re fa monngwa wa kgomo a e bona ko matimeleng morago ga dikgwedi tse tharo o ka e tsaa mme o ka se letelelwe go ka e tsaa ka letsatsi la thekiso kana fa kgomo e le e e letshwenyo e ka bolawa ya rekiswa mme fa monng wa yone a ta a fiwe madi a yone . Monni Rre Makgarapa Makgarapa o ne a ntsha mogopolo wa gore matimela a fiwe ba matlhoko a leruo ka ba na le kitso yotlhe ka beng ba dikgomo. Are matimela a bakwa ke batlhokomedi ba ba sa direng tiro ka botlalo.“

Mopalamente one a kgothatsa banana go ikemelela ka dinao go itirela mebereko le go bereka mo bananeng ka bone ba ba setseng ba thusitswe go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Barati Masigo

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Apr 2015