Dintsa di ganyaola dipodi
29 Apr 2015
Dintsa dingwe kwa Tsabong di apesitse barui kobo ka letshoba ka go ganyaola dihutshane tsa bone kwa merakeng mengwe ee gaufi le motse oo.
Go ya ka mongwe wa barui bao, Rre Lekganyane Ositang, ba tshelela fela mo kutlobotlhokong ya go bolaelwa dipodi ke dintsa tse ba sa itseng beng ba tsone.
Rre Ositang a re fa e sale go simologa ka ngwaga wa 2012, ene le barui ba ba bangwe ba ba ka fetang masome a mararo ka palo ba ne ba tshogolegelwa ke dintsa dingwe tse go lebegang di latela dihutsane tsa bone kwa mafudisong, mme di fete di di tlhasele ka go di bolaya di di loma kgokgotso di le dintsi ka nako e le nngwe mme di bo tswa di di tlogela di sa je.
O supile fa mo nakong ya gompieno a setswe a bolaetswe dipodi le dinku tse di fetang masome a mararo ke dintsa tseo. A re go le gantsi fa ba latela dintsa tseo ka motlhala beng ba tsone ba feta ba di itatola ba re ga se tsa bone.
O kaile fa go belaesega fa dintsa tse di sa tlhokomelwe sentle ke beng ba tsone mme di ikaelele go ya go tsoma diphologotswana kwa nageng, mme e re ka go tlhoka diphologotswana tseo di ikgotsofatse ka dipodi le ntswa di sa di bolaele go di ja.
Rre Ositang yo o dingwaga tse di masome a mane le bobedi o kaile fa se se utlwisang botlhoko e le barui bangwe ba ba thusitsweng ke puso ka lenanaeo la LIMID ka seo e le poelo morago mo go bone, a kaya fa le bone dipodi tseo ba ikokotleleditse fela ka go di ithekela mo bathong ba bangwe.
Morui ka ene Rre Kebakile Hambira le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Ositang ka go lela selelo sa ga Ragele le ene a kaya fa ba tla felela ba tswetse masaka ka lebaka la dintsa tseo.
Rre Hambira o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dintsa tseo tsamaya di le segopa mme di tlhasela bogolo jang dipodi lefa di le mo lesakeng ka di felela di le epa kwa tlase.
A re gantsi di bolaya ka nako ya maitseboa fa dipodi di boa kwa mafudisong, bosigo le motshegare.
O ne kopa le go gakolola beng ba dintsa tseo go di tlhokomela ka go di fa dijo, go di agela matlo a tsone le gone go tlhomamisa gore ga di ba senyetse e le barui.
A tlatsa ka go kopa kemonokeng ya mapodisi le dikgosi le dikgosana mo diemong di tshwana le tseo, ka ba ka felela mo gongwe ba sa ba utlwisisane le go buisana sentle le beng ba dintsa fa ka lesego ba ka tshogana ba ba bone kana ba itshupile.
Mo potsolosong mabapi le kgang e mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Howard Modo mo potsolosong le ba lekalana la dikgang o ne a gakolola barui go kopa dithuso mo go ba sepodisi gammogo ba bogosi le ba lephata la matlhoko a leruo le ba bangwe ba lebaneng go buisana ka dikgang tse le go tswa ka ditharabololo tsa teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 29 Apr 2015






