Breaking News

Seemo sa metsi se tla tokafafala kwa Mahalapye

29 Apr 2015

Diphaephe tse di anamisang metsi di tlaa tsenngwa kwa Mahalapye go tokafatsa seemo sa metsi kwa motsing oo.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng, modulasetilo wa khansele ya Mahalapye Rre Cebane Jackson o tlhalositse fa rakonteraka a simolotse tiro ya go epela diphaephe kgwedi ya Moranang e tlhola lesome le borataro.

O tlhalositse fa tiro eo e simolotswe kwa kgotleng ya Mowana mme e tlaa anama le dikgotla tsotlhe tsa Mahalapye mo nakong e e sa fediseng pelo. Rre Jackson o tlhalositse fa tiro eo, ya go gokela diphaephe e tlaa tlhama ditiro di le makgolo a mabedi mo Mahalapye mme bontsi bo tlaa hirelwa kwa diofising tsa pereko.

O tlhalositse fa diphaephe tsotlhe tse di tlaa gokegelwang mo Mahalapye e tlaa nna tsa sekgele sa dikhilomithara tse di makgolo a mabedi le masome a mararo mme e tlaa tsaya dikgwedi tse di lesome le boferabobedi.

Fa a araba kopo ya banni ya gore dipalo tsa badiri ba ipelegeng ba okediwe Rre Jackson o ne a tlhalosa gore ditiro tsa ipelegeng di ka okediwa ka go ntsha banana mo ipelegeng ba isiwa Tirelo Setshaba mme go tsenngwa bagolo mo diphatlheng tse ba duleng mo go tsone.

Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Flowertown-Boseja Rre Tumelo Koolekanye o kopile batsadi go inaakanya le thuto ya bana ba bone. O tlhalositse fa dikolo tse di mo kgaolong ya gagwe di sa dire sentle ka mabaka a maitsholo a e seng one le go tlhoka seabe ga batsadi mo thutong ya bana ba bone.

Mokhanselara o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tsere tshwetso ya gore maloko a komiti ya dithabololo a tlaa tsaya dingwaga tse tharo mo ofising go tswa mo dingwageng tse pedi.

O ne gape a tlhalosa gore batho ba ba inaakantseng le sepolotiki ba sena go letlelelwa go nna maloko a komiti ya dithabololo. BOPA

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Apr 2015