Tsogwane o rerisa Ghanzi ka molao wa matimela
29 Apr 2015
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o boleletse banni ba Ghanzi gore go na le diphetogo tse di tshwanetsweng go dirwa mo molaong wa matimela.
Tona o buile mafoko ao fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Ghanzi ka letsatsi la Mosupologo. A re fa go na le diphetogo tse di dirwang le go bakangwa ga melao, Batswana ba tshwanetse go itsisiwa gore le bone ba tle ba ntshe maikutlo a bone.
Tona o boleletse banni gore diphetogo tsa molao wa matimela di akaretsa go fokotsa malatsi a dikgomo tsa matimela go nna dikgwedi tse tharo fela kwa masekeng a matimela.
Tona a re barui ba tshwanetse go ya go duelela dikgomo tsa matimela letsatsi pele ga di rekisiwa ka gore gantsi barui batswa kgakala go tla go tsaya dikgomo tsa bone letsatsi pele fa go rekisiwa mme basa kgone go bona thuso.
Tona oboleletse banni bao fa diphetogo tseo difokotsa ditshinyegelo tse di dirwang ke dikhansele go dirisa madi a mantsi go jesa dikgomo tsa matimela ka gore di nna sebaka se seleele beng ba tsone ba sa tle go di golola.
Mo dikganyeng tse di amang bogosi jwa Ghanzi, okopile mookamedi wa lephata la makgotla a Setswana go ya go ntsha dipampiri tsa phatlalatso tsa tiro ya bogosi jwa Ghanzi mo dibekeng tse pedi. A re kgang ya go hirwa ga bogosi jwa Ghanzi e tsere lebaka le leele.
Tona o kopile mookamedi yoo gore fa bahira ba tshwanetse go lebelela pele maina a batho ba kgaolo ya Ghanzi pele, kwantle ga gore bahire batho ba ba tswang go sele ntswa mo Ghanzi gona le batho ba di thutego tse ba di batlang.
Erile Tona a itebaganya le pego ya komiti ee okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse mo Toropong ya Ghanzi a tlhalosa fa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Metse ele baithaopi ka jalo ga ba tshwanela go duelwa ka lenaneo la ipelegang,ka gore bone bana le dikatso tse ba dibonang.
Tona o kopile mokwaledi wa Khansele go diragatsa kopo ya ga Tautona wa Lefatshe leno gore fa gona le dithendara di neelwe beng gae gona le gore di neelwe batho ba batswang kwa Metseng e sele kana dikgaolo di sele. A re Taotona one a kopa jalo go leka go nyeletsa lehuma le letlhoko la ditiro.
Erile banni ba Toropo ya Ghanzi ba akgela ba supa fa diphetogo tsa molao wa matimela di tsile ka nako e e siameng mme fela bane ba kopa gore dikgwedi tse tharo di dinye ka gore kitsitso ya matimela ga e tsamaye sentle.
Banni bao bane ba kopa Tona gore ba direlapuso ga ba tshwanela go nna mo Kgaolong dingwaga tse di fetang bobedi, ka gore fa ba ntse dingwaga tse dintsi ga ba bereke sentle.
Banni bao bane ba kopa Tona gore fa Motswana a batla go tsaya mananeo a puso ga bedi kana ga raro a letlelelwe ka gore gongwe o lekile lantlha a bona le sa mothuse ka sepe jaanong o batla lelengwe gape a letlelelwe go tsaya a mangwe gore akgone go itshetsa sentle.
Banni bao ba tlhalositse fa gona le Batswana ba bangwe ba ba tsereng mananeo a puso ka go tlhoka mmaraka mananeo a a photlhama fa ba batla a mangwe gatwe ga go letelelwe.
Banni bao bane ba kopa Tona go ba tlhalosetsa gore ke nnete mo Toropong ya Ghanzi ka fa molao ga go hirwe dikgosana tse di tsereganyang. Banni ba boleletse Tona fa puso e ba beile kafa museng ka gore Ghanzi ga se Toropo e e tshwanang le Jwaneng.
Banni bane ba lela ka leruo le le gobeyang mo Toropong ya bone ba kopa gore Tona a ba thuse ka leruo la gonna jalo. Bane gape kopa Tona gore Puso e rekele batho ba lenaneo la nyeletso lehuma lefatshe mo dipolaseng tse di rekisiwang gaufi le Toropo ya Ghanzi gore lefatshe leo letle letswele batho bao molemo.
Erile Tona araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa ba direlapuso basa tshwanela go berekela mo lefelong le lengwe sebaka se seleele. A re mabapi le go gobeya ga leruo mo Toropong molao oteng ka gore Ghanzi ke toropo ka jalo ba khansele ba tshwanetse go emela kgang eo ka dinao.
Tona o boleletse banni bao fa Motswana mongwe le mongwe a letlelelwa go tsaya mananeo jaaka a batla. A re ga gona molao o o kganela Motswana go tsaya mananeo jaaka a batla.
Erle a itebaganya le dikgosana tse di tsereganyang a tlhalosa fa ele nnete Toropo ya Ghanzi ga ena go thola e nna le dikgosana tse di tsereganyang ka gore ka molao wa Toropo ga ena maemo a go nna jalo. A re ditlhabololo ga ditle ka go tshwana mme fela se se salang Ghanzi ke Toropo jaaka Toropo ya Jwaneng.
Erile Mopalamente wa Ghanzi Bokone Rre Noah Salakae a ntsha Malebogo a tlhalosa fa dikgang tsa lefatshe mo Toropong ya Ghanzi ele mathata ka gore bontsi jwa banana ga ba tseye mananeo ntateng ya lefatshe.
Mopalamente a re bontsi jwa batho ba ba rekileng Lefatshe lele dikologileng Ghanzi ke batho basweu ba batswa kwa Aferika borwa, one a kopa Tona go bona gore banana ba mo Toropong baka thusiwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Apr 2015






