Breaking News

Puso e tokafatsa melawana ya dikomiti tsa ditlhabololo

28 Apr 2015

Puso e tokafaditse melawana e e tsamaisang dikomiti tsa metse tsa ditlhabololo morago ga gore dikomiti tse di farafarwe ke dikgang tse di neng di tlhokisa puso boroko.

Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o buile se fa a ne a buisa maloko a dikomiti tsa metse tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya Mogoditshane ka Labobedi.

Dikgang tse di amang dikomiti tse di akaretsa go kubetsana ga maloko, go tlhoka go fela ga ditlhabololo tse di simolotsweng ke dikomiti morago ga lebaka la bone la boithaopo le fela, dikoloto ga mmogo le tiriso botlhaswa ya madi.

Mothusa tona o kaile fa tlhatlharuane ya dikgang tsa methale e, e le tsone tse di bakileng gore puso e tle ka melawana e maikaelelo a yone e leng go fedisa dikgang tse. Mengwe ya melawana e, e tona a bolelang fa e tserwe mo molaong wa tsamaiso ya ditlhabololo tsa magae e akaretsa tsamaiso ya boloko jwa dikomiti.

Mme Tshireletso o tlhalositse fa sebaka sa boloko se okeditswe go tswa mo dingwageng tse pedi go tsena kwa go tse tharo. 

A re puso e dirile se ka lebaka la gore bontsi jwa ditlhabololo tse di neng di simolodisiwa ke dikomiti di ne di salela kwa morago fa lebaka la maloko le sena go ya bokhutlong. 

Le fa go ntse jalo, a re maloko a dikomiti tsa lefatshe ka bophara ke one a kopileng puso go atolosa lebaka la boithaopo go tsena dingwaga tse tharo gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone ba sa kgopakgopediwe ke sepe.

Mo go tse dingwe, tona o tsibositse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo gore dikomiti tse jaanong di ka fa molaong, ka jalo go na le kgonagalo ya gore dikomiti di ka sekisiwa kgotsa tsa sekisa. Tona o bile a gatelela ntlha e ka ebile dikomiti tsa ditlhabololo di aparetswe ke mathata a go phutha dikoloto tsa matlo a tsone. 

O tsweletse gape a tlhagisa bao ba ba dirisang madi botlhaswa gore melawana e mesha e letla batho ba go nna jalo go ka sekisiwa.

Le fa go ntse jalo mothusa tona o kopile bodiredi go tlotla maloko a dikomiti tsa ditlhabololo mme le bone gape ba itseye tsia ka puso e ba file boikarabelo jwa go atolosa ditlhabololo tsa metse.

Mme Tshireletso o ngongoregetse go tlhoka go tsena diphuthego ga maloko a dikomiti tsa ditlhabololo a tlatsa ka gore bontsi jwa bone ba tsena diphuthego fela fa go na le lemmenyana. 

O kgadile thata mokgwa oo ka a re seo ga se supe mowa wa boithaopo. Le fa go ntse jalo o kopile dikgosi le makhanselara gore ba kope morafe go tsena dikomiti tse go direla setshaba.

E rile ba tswa la bone, maloko a dikomiti tsa motse tsa ditlhabololo ba ikuela mo go tona ka dikatso tse di tlang nako e setse e fetile.  Bangwe ba re ba kgona go tsaya dikgwedi tse tharo go ya go tse di boferabobedi ba sa atswiwe.

Ba boile gape ba kopa puso go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng tse ba reng di kgaotswe mo ngwageng ono wa madi.  Ba ikuetse gape mo go tona ka tlhaelo ya didirisiwa ba supa fa letlhoko la didirisiwa le baya botsogo jwa bone mo diphatseng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya dikomiti

Date : 28 Apr 2015