Banni ba ngongorega ka ofisi ya dituelo
27 Apr 2015
Banni ba Area S kwa Francistown ba ngongoregile ka ofisi ya khansele ya dituelo tsa lekgetho ba re e boitseme.
Ba buile seo mo phuthego e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone wa Francistown Botlhaba, Rre Buti Billy, ka Laboraro maitseboa. Mongwe wa banni bao, Mme Jane Nthusang o tlhalositse fa a budusitse tsela ya go ya go duela lekgetho kwa ofising ya Monarch le mororo a sa bone thuso.
Mme Nthusang o buile gore ofisi eo e nna fela e sena motho, a tlatsa ka gore fa a ka tlodisa go duela lekgetho kgwedi e le nngwe fela, morokotso o a oketsega. O kopile khansele go tlhwaafalela seemo seo, a re o batla go fetsa go duela lekgetho la gagwe pele a tseelwa dikgato.
A re fa gongwe o kgona go bona thuso ya go duela, mme a bo a sa neelwe sesupo sa gore o duetse, go twe di fedile kgotsa ga di teng. Fa a tswa la gagwe, Rre Patrick Ntobedi a re ga go na tirisanyo mmogo fa gare ga bone le dikompone tsa metsi le motlakase.
Rre Ntobedi o supile matshwenyego ao, gore dikompone tseo ka bobedi jwa tsone ga di ke di ba rerisa fa di tla go kgaola metsi kana motlakase, a tlatsa ka gore seemo seo se tsenya kgotlhang fa gare ga gagwe le bahirisi.
O kopile gore a ba itsisiwe pele ga ba tla go kgaolelwa ditlamelo, gore le bone ba kgone go ipaakanyetsa go lepalepana le dikgwetho tseo.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Emmah Moatswi o lekodisitse mopalamente ka matshwenyego a ba kopanang le one mo motseng.BOPA buile gore borukutlhi bone bo apesitse motse kobo ka letshoba, mme ba ne ba ema ka dinao go ipopa ditlhopha tse di neng di disa motse bosigo le motshegare.
Mme Moatswi a re seemo seo se ritebetse ka batho ba kgona go robala le go tsamaya ba phuthologile.
O kopile mokhanselara go agelwa ofisi e e tlaa ba tswang thuso go sireletsa dilwana tsa Ipelegeng, a re ga gona kwa ba di bayang teng.
Fa araba mangwe a matshwenyego a bone, mothusa mokwaledi wa khansele Rre Robert Letlole a re e tlaare mo nakong e e sa fediseng pelo, a baakanye seemo sa ofisi ya dituelo tsa lekgetho.
O rotloeditse banni go sa nyema moko mme ba tswelele ka go nna ba duela lekgetho go itsa merokotso.
Rre Letlole o tlhalositse fa gona le ofisi e nngwe kwa Khanseleng a re le yone ba ka duela kwa teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Apr 2015






