Breaking News

Ga se nako ya go jesa letlhaka - Mokgosi

27 Apr 2015

Go bolelwa fa monongwaga go tlaa dika go le leuba ka jaana dipula di le boutsana ebile di tsile morago ga nako.

Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosikgolo wa Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi, mo phuthegong ya kgotla bosheng.

Kgosi Mokgosi o tlhalositse fa seemo se se amile le phulo, mme ka maswabi batho bangwe ba setse ba buletse dikgomo go jesa letlhaka, mme ba bogosi ba ise ba rebole go jesa letlhaka. O boletse gore ka molao wa Selete, fa barui ba lemoga gore ga gona phulo, ba tshwanetse go buisanya le ba bogosi pele ga ba itseela tshwetso ya go jesa letlhaka e se ka nako.

Kgosi o boletse fa monongwaga go sena mabele mo go rayang gore ga gona letlhaka, ka jalo a kopa Balete go ba lebalebisa gore ba ka dira jang ka kgang ya bojale. Kgosi Mokgosi o boletse fa go tlhabolola metshameko ya Setswana e le yone tlhabologo, a supa fa metshameko e e le monate mme ebile e sa ture.

O boletse fa matshwenyego a matona e le a batho ba ba tshamekang ditaese, ba sa dire tiro e ba e thapetsweng, a bo a supa fa bangwe ba senya metsahmeko e ka kgang ya go dirisa madi. O tlhalositse gape fa metshameko e ka bopa setshaba, ka jalo a kopa Batswana go rata segabone.

Erile ba tswa la bone, Balete ba ne ba kopa gore Batswana ba boele maropeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya kgotlae

Date : 27 Apr 2015