Motlhala wa mananeo o a bonala
27 Apr 2015
Mme Tanyala Ratanang le Mme Axcillia Nthaye ba Dagwi kwa kgaolong potlana ya Tutume ke bangwe ba ba sa iponeng tsapa.
Ba ne ba ikopanya le ofisi ya boipelego go tlhaloganya ka mosola wa mananeo a nyeletso lehuma le gone go ikopela dithuso. Mo potsolotsong bosheng, bomme ba ba supile fa lenaneo la nyeletso lehuma la kapei ya borotho le dirile pharologanyo e e bonalang mo matshelong a bone.
Mme Tanyala Ratanang, yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa, a re o ne a ikopela lenaneo le morago ga go lemoga fa seemo mo lwapeng la gagwe se sa tokafale e bile go mo diga seriti.
A re morago ga tlhaloso ka ofisi ya boipelego kwa Tutume, o ne lemoga fa mananeo a le mantsi mme fela o ne a felela a itlhophela la kapei ya borotho. O boletse gore o lemogile fa e le lone le a ka kgonang go le tsamaisa ka jaana ga le tlhoke sepe se se kalo, a re o dirisa molelo wa leiso go apaya.
Mme Ratanang a re o ne a fiwa tsotlhe tse di tlhokegang, a tlhalosa fa tsotlhe mo lapeng di apere tshiamo fa e sale a simolola kgwebo ya gagwe.
A re ka dipoelo tse a di dirang, o setse a kgonne go ikagela kamore ya boroko e le nngwe, o tsentse pompo mo lapeng la gagwe e bile o kgona le gone go tlhokomela ba lapa la gagwe.
Mme Ratanang a re sengwe se se itumedisang ka kgwebo ya gagwe ke gore o bone dipoelo tse di nametsang ka jaana o filwe tiro ya go apeela bana ba sekolo se sebotlana sa mo motseng.
E re dikgang di eme jalo, Mme Axcillia Nthaye, yo o dingwaga tse di masome a mararo le ene o tlhalosa fa lenaneo la kapei ya borotho le mo inotse mo lehumeng.
A re morago ga go tlhoka tiro ya sennela ruri, o ne a ikopela dithuso tsa nyeletso lehuma, mme a tlatsa ka go supa fa lenaneo le mo direla dilo motlhofo ka jaana le ene o setse a kgona go oba letsogo ntle le go kopa ope.
Mme Nthaye le ene o supa fa dipoelo di nametsa, a re ka nako tse dingwe o ipha matsapa a go etela metse e e gaufi go rekisa le gone go ipapatsa.
Sengwe se se itumedisang Mme Nthaye ka kgwebo e ke gore o apaya borotho mo mosong fela mme bo rekwe jotlhe go tlhoke jo bo salang, mme seo se mo fa sebaka sa go ka tsweledisa ditiro tse dingwe.
Mme Nthaye o supa fa a setse a ipoloketse madi ka maikaelelo a go tokafatsa dithuto tsa gagwe, a re le fa dikgwetlho di ka tlhagoga tebang le kgwebo ya gagwe, ene o ikiteile sehuba gore ga go sepe se se ka mo digang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 27 Apr 2015






