Boitshwaro jwa baithuti bo a tshwenya
27 Apr 2015
Barutabana ba sekole segolwane sa Tsabong ba re ba tshwenngwa ke boitshwaro jwa baithuti jo bo sa jeseng diwelang.
Mafoko a builwe ke morutabana wa sekole seo ebile e le mokwaledi mo komiting ya batsadi le barutabana (PTA), Rre Tshiamo Orman, mo potsolotsong bosheng.
Rre Orman o ne a tlhalosa fa mogokgo wa sekole seo, Mme Segametsi Matlho, a ne a patelesega ke go bitsa phuthego ya batsadi le barutabana ka bonako jo bo kgonagalang fa dikole di bulwa mo pakeng eno, mabapi le go tsibosa batsadi ka seemo seo se sa jeseng diwelang le gone gore batsadi ba tshwaragane le barutabana go buisana le bone go tswa ka ditharabololo mo seemong seo.
O ne a tlhalosa fa baithuti bangwe ba sekole seo bogolo jang ba mophato wa boraro ba setse ba nnile le dikgang tsa botlhoko tsebe di akaretsa go inaakanya le ditagi di tshwana le go goga metokwane di le 6, boimana 2 go bonwa kwa marekisetsong a bojalwa bosigo, matlhapa ba le bararo , dintwa 1, bogodu 3 go tlhoka tlotlo le lonyatso mo barutabaneng bangwe, tshenyo ya dikago tsa sekole, boimana le gone go tswenya bana ba bangwe ba re ba ba gorosa sentle mo sekoleng fa bangwe ba tswa fela ka mabaka aa sa itsiweng ba dule ba le bararo.
Rre Orman o supile fa seemo seo se ne se ile magoletsa mo ba neng ba tsaya ditshwetso tsa go tswaragana le ba sepodisi ba dikgolegelo,baoki, ba boipelego go kgalemela bana ka botlhoka tsebe go ritibega seemo seo.
O kaile fa jo bo gantsi bo dirwang ke bana ba basimane bogolo jang ba ba tsenang sekolo ba tswa kwa malwapeng.
Rre Orman o ne a kaya fa dingwe tsa dikgang tse di tshwenyang kwa sekoleng seo e le mewa ee maswe ya “SATANIST’” e e mang tshwenyang bana bangwe a kaya fa e le barutabana ba ne ba tswetso ya go rulaganyetsa baruti ba ba farologanyeng go bebisa seemo ka mafoko aa boitshepo a kgothatso le dithapelo.
Morutabana o ne a kaya fa gantsi bana bao ba ba dirang ditiro tse di duleng mo tseleng ba ba otlhaya ka go ba romela magaeng mme morago ga lobaka lo lo rileng ba boele sekoleng, o kaile fa natsi ba sa dirise thupa go otlhaya bana ka ba kile ba kopana le dikgang dinggwe mo gongwe ngwana a neng are o tswenwe ke bolwetsi ka gore o otlhailwe ke morutabana mongwe.
A re ka lone letsatsi leo la phuthego eo mogokgo wa sekole seo Mme Matlho o ne gape a lekodisa batsadi gore mo ngwageng oo tlang sekole seo se tla amogela bana ba mophato wa bone e le la ntlha, a tla a ba tsibosa gore ba ipaakanyetse diemo di tswana le tse a di nankotseng , ditlamorago le diphetogo tse gongwe di ka dirwang ke bana ka jaanong ba tla a bo ba le bantsi ka palo.
Rre Orman fa a buisana le ba lekalana la dikgang o ne a supile fa ka mo phuthegong eo fa batsadi ba akgwa mogokgo dikgaba ba ne ba swaba dinko go feta melomo mabapi le boitsholo jwa bana ba bone, ba bo ba solofetsa gore ba tla tshwaragana le barutabana ba tla ba re go botlhokwa gore go seka ga akarediwa bana botlhe mo sekoleng seo, mme ba nankole ba ba amegang gammogo le batsadi ba bone gore ba gagamalediwe diphogwana ka go otlhaiwa.
Godimo ga moo Rre Orman o kaile gore batsadi ba ne ba leboga thata mogokgo le barutabana ba bagwe ka tekodiso eo, ee sa kgatliseng ya bana ba bangwe ba bo ba o mo kopa go dira jalo le mo nak ee tlang ba kaya fa ba tla leka bojotlhe go bua le bana thata go nna le botho jo bo eletsegang, botlhokwa jwa thuto ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Puisano
Date : 27 Apr 2015






