Breaking News

Seabe sa batsadi ke konokono

20 Apr 2015

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Linchwe II kwa Mochudi, Rre Phometsi Phometsi, o rotloeditse batsadi go ema nokeng bana mo thutong ya bone le go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana ka seo se le botlhokwa.

Rre Phometsi o boletse seo ka Labone mo bokopanong jwa barutabana, batsadi le baithuti kwa sekoleng seo, a re batsadi ba tshwanetse go gwetlhega go itse gore bana ba bone ba itshola jang kwa sekoleng.

O tlhalositse fa lefatshe le etelelwa pele ke batho ba ba rutegileng ebile go le botlhokwa go direla dilo mo pontsheng gore batsadi ba itse se bana ba bone ba se dirang le gore ba kae fa ba se kwa lwapeng.

O boletse fa go le botlhokwa gore thuto e nne le boleng gore baithuti ba ithute tse di tshwanetseng tse di ka ba solegelang molemo mo isagong mme a supa fa maduo a a welang kwa tlase a tshwenya mme seo se tshwanetse sa emelwa ka dinao ka maduo a a itumedisang le thutego ya bana e le tsone khumo ya lefatshe leno.

O boletse fa boitsholo jwa bana bo makatsa ka jalo seo se ama maduo a bone, a re fa sekole se tswa baithuti ba thibelela kwa marekisetsong ba goga motokwane ba buwa ka marato ka ba tlhalefela go metsa ba ise ba tlhafune.

Rre Phometsi o gakolotse batsadi go emisa go rekela baithuti megala ya letheka e ba tsenang ka yone mo facebook ka seo se ba diya go bala, a re go botlhokwa gore batsadi ba itshekatsheke ka menwana e supa botlhe ba ba amegang mo thutong ya ngwana.

O boletse fa go na le dikgang tse dintsi tsa baithuti ba ba tsenang mo maratong le go ithekisa gore ba bone madi, a re ba dira jalo ka go ineela boradikhombi ba rekisa matshelo a bone ka go ineela mo dilong tse eseng tsone.

O gakolotse baithuti go ikgapha mo mekgweng e e eseng yone ka go ipolaya mebele ka motokwane le nnotagi mme seo se ba tsofatsa ka bonako ebile ba se kitla ba bona go nna babusi ba kamoso ba popota ka ba diiwa ke nnotagi le marato a a ba ileng kwa tlhogong.

Mongwe wa bagolwane ba barutabana Mme Naledi Kgomane o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go buwa ka dithuto tsa ngwana, boitsholo jwa ngwana, le go lekodisa ka tse di amang tiro ya ngwana wa sekole gore a ntshe maduo.

Mme Kgomane o boletse fa boitsholo jwa baithuti e le jone bo supang gore moithuti o dira tiro le go itsaya sentle mo sekoleng le kwa lwapeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 20 Apr 2015