HRDC e abela baithuti ditlhako
20 Apr 2015
Lekgotla la Human Resource Development Council (HRDC) le abetse sekolo se segolwane sa Tsetsebye dithoto tsa P9 000.
Mogolwane wa lekgotla leo le le ikemetseng, Mme Masego Mokubung a re ba abetse sekolo se segolwane sa Tsetsebye dithoto tse di akaretsang dithako tsa baithuti ba le 52 ga mmogo le dikausu Moranang a tlhola malatsi a le lesome le borataro.
O tlhalositse fa ba aba ka maikaelelo a go rotloetsa bana bao mo thutong ya bone gore ba nne le seabe mo lefatsheng leno bogolo jang mo ditirong di tshwana tsa lephata la diphologolo,tsa temo-thuo le ba ba ithutetseng go kgweetsa difofane, ka Setswana sa re mosadi o bonwa mantlwaneng gape legonnyana la modisa letlharapana ga le galalwe, ebile sejo sennye ga se fete molomo.
Morutabana wa sekolo seo Rre Leetile Motshwanaesi a bua ka ditso tsa sekolo se segolwane sa Tsetsebye a re ka ngwaga wa 2009 a bela bana baherabobedi dithako a lebile seemo sa bone sene se ngomola pelo.
O boletse fa a rotloetsa bana ba sekolo seo gore baseka batshaba barutabana ba batsee jaaka batsadi ba bone.a tlatsa ka gore o ne a tsenya kopo kwa lephateng le le ikemetseng la Human Resource Development Council ya ditlhako go thusa bana ba batlhokang.
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Tsetsebye Rre Molekodi Oatlhotse a re sena le baithuti bale 640 le barutabana bale le 20 le badiri bale23. A re kgwetlho e tona ke maduo a kwatlase mme a bakwa ke tiriso botlhwaswa ga bana,se bantseng ba di utlwalela kwa ditoropong,fa jang dijelela mo motseng selegae.
O tlhalositse se sedirang gore bana dirisiwe botlhaswa se bakwa ke go tlhoka tlhomelo ya bana,a supa fa ban aba mophato wa boraro le wa bobedi ba duleng mo sekolong ntateng ya boimana bale babedi mo mephatong eo ka bobedi.
A re dingwaga tsa bana bao ga di ba letle go ima ka boimana bo ka senya bokamoso jwa bone. Kgosi Busang Busang wa Tsetsebye fa a leboga, o ne a tlhalosa fa tiro eo e le molemo, se se botlhokwa tiro ntle eo di ne di tshwarelwa kwa dikgotleng gore morafe o itse ka tse di dirwang e le tse dintle tsa motse wa bone.
Modulasetilo wa komiti ya motse Rre Philip Tlou ene o ne kopa maranyane a tshwana sebalamakgolo mo dikolong go itepatepanya le seemo sa gompieno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : Bobonong
Event : Kabo dimpho
Date : 20 Apr 2015






