Ralotsia o rotloetsa temo-thuo
20 Apr 2015
Mopalamente wa Kanye Bokone o kgothaditse banni ba metse e e mo kgaolong ya gagwe go inaakanya le temo thuo.
Rre Ralotsia o buile seo kwa metseng ya Lekgolobotlo, Ntlhantlhe le Ranaka bosheng. O tlhalositse gore ntswa pula ya mono ngwaga e ne ele kwa tlase, temo thuo e santse e le konokono mo matshelong a Batswana.
Rre Ralotsia o tsweletse a tlhalosa fa temo thuo e tla thusa go fokotsa go reka di tswa temo thuong ko mafatsheng a sele mme go rekwe mono, selo se a reng se tlaa tokafatsa matshelo a bone le itsholelo ya lefatshe.
O kgadile thata batho ba ba lemang masimo a bone mme morago ba a kgathologe mme se se bake gore diphologolo di e iphe maatla. A re are se ke botshwakga e bile se busetsa puso ko morago mo maitekong a yone ago ntsha Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo.
Rre Ralotsia, yo e bileng gape ele Motshwarelela Tona wa Temo Thuo, o tsweletse ka go kgothatsa banni go dirisa lenaneo la ISPAAD go teratela masimo a bone a re leka ba fokoletsa ditshenyegelo.
A re balemi ba ka ikopanya, mme fa dihekethara tsa bone di tshwara lekgolo le masome a matlhano ISPAAD e tla ba thusa go teratela masimo a bone mme ba seke ba lopiwe go duela sepe.
O tsweletse a tlhalosa gore lefa molemi a ikemetse ka nosi lenaneo leka mo thusa mme a lopiwe go kgaogana ditshenyegelo le puso.
E rile fa ba mo kgwa dikgaba banni ba ne ba lela thata ka letlhoko la metsi le bareng le ba kgoba marapo mo temo thuong. Ba boletse fa ba sena go ineela motlhofo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boago Tsholang
Location : KANYE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 20 Apr 2015






