Ba ngongorega ka lekgotla la kabo ditsha
20 Apr 2015
Banni ba Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti ba ngongorega ka lekgotla la kabo ditsha la Letlhakane gammogo le le tona la Ngwato, ba re makgotla ao a dira dilo ka tshokamo.
Banni ba ntshitse ngongorego ya bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, bosheng. Ba re go na le tlhakatlhakano le dintwa tsa lefatshe tse ba reng dingwe tsa tsone di bakiwa ke ba lekgotla la kabo ditsha.
Ba boletse fa ba sa dumelane le kgang ya gore ditsha tsa dikgwebo le dipolase tse di mo kgaolong ya bone di abiwe ke lekgotla le legolo la Ngwato kwa Serowe,ba supa fa Tona wa pele a ne a ba tlhalosetsa gore di ya go amogelwa di bo di abiwa mo lekgotleng la kabo ditsha la Letlhakane.
Ba ne gape ba tlhalosa fa ba batla Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele ,ka jaana ba na le matshwenyego a mantsi a lefatshe a a batlang go rarabololwa. Ba re matshwenyego a bone ke gantsi ba rolela lekgotla le le potlana la kaboditsha la Letlhakane gammogo le lone le legolo la Ngwato,mme go sa tswe tema.
Ka jalo ba bona go tshwenela gore Tona Maele a tle go ba thusa pele ga go senyegela pele. Ba tsweletse ba re ba kopa gore Tautona Khama a ba thuse ka go dirisa dithata tsa gagwe fa go tla mo kabong ya lefatshe mo kgaolong ya bone .
Ba re ba batla gore Tautona a ba akanyetse fela jaaka a tlhalositse gore o batla go akanyetsa ba metse e gaufi le Gaborone,gore beng ba motse ba fiwe ditsha pele ga Batswana ba bangwe.Ba re motse wa Letlhakane o dikaganyeditswe ke meepo, ka jalo batho ba thelesegela koo ka bontsi ba batla ditsha,ka ba itse gore go na le mafulo a matalana.
E ne e rile go le pele Mopalamente wa kgaolo yo o neng a patilwe ke mokwaledi wa gagwe ,a lekodisa banni ba Letlhakane ka molao kakanyetso wa kabo ya lefatshe.
O ne a ba tlhalosetsa ka ditsetlana dingwe tse di tla fetogang mo molaong wa tsamaiso ya lefatshe mo Botswana.Molao kakanyetso o ,o bua gore lefatshe le ka abiwa ka tsamiso ya Khupelekhupele kana setsha se fiwa yo o tsentseng kopo pele.
O tlhalosa gape gore jaanong lefatshe le tla bo le sigilwe e bile le diretswe moalo o o tlhomameng gore go se ka ga nna le phatlha epe e e senang tiriso.
Molao kakanyetso o tswelela o re fa go ka fitlhelwa morui a na le moraka o o nang le sekgele se se letlang gore o ka abelwa polase ,go tla nna fela jalo o tla e segelwa,mme fa a ka palelwa ke go tlhabolola o tla e gapelwa mme e neelwe yo mongwe.
Molao kakanyetso o tswelela o re barui ba mafudiso a a tlhakanetsweng ba tla thusiwa ke puso go a agelela.
Le fa ba dumelana le ditsetlana dingwe ,tse dingwe tsone ba a di gana.Ga ba dumele tsamaiso ya khupelekhupele,go abiwa go lebilwe yo tsentseng kopo pele le go gapelwa mafudiso fa o palelwa ke go a agelela.
Mongwe wa maloko a komiti ya bogakolodi jwa tsa merero ya tsa botsogo Mme Rebecca Oitsile o ,boleletse ba tsena phuthego gore ele banni ba motse wa Letlhakane ba tsere tshwetso ya go romela lekokolo kwa go Tona wa Botsogo Mme Dorcas Makgatho,go isa selelo sa bone sa gore ba tlhokana le go agelwa kokelo ka bofefo .
Ba re kokelo e e leng teng ga e a lekana kgaolo ya bone gonne palo ya batho e gola tsatsi le letsatsi. E rile fa amogela baeng kgosi Tikologo Supang,a ngongorega thata ka bagwebi ba motse wa gagwe segolobogolo batswakwa ,a re ga ba tsene diphuthego tsa kgotla.
Kgosi a re bagwebi ba tshwanetse ba tsena diphuthego tsa kgotla ka nako tsotlhe go itse ka ditsamaiso tsa motse o ba gwebang mo go one. Mopalamente o ne a ba solofetsa gore o tla isa dingongorego tsa bone kwa go ba ba lebaneng.
O ne gape a re o utlwile sentle maikutlo a bone mabapi le molao kakanyetso wa tsamaiso ya lefatshe.Phelelo . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego
Date : 20 Apr 2015






