Kgalemelang bana - Kgathi
19 Apr 2015
Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi a re borukutlhi bo godile mo kgaolwaneng ya Rasetimela mme bo dirwa segolo bogolo ke banana.
Rre Kgathi o ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa dikgaolwaneng tsa Rasetimela le Borotsi ka Labobedi (14/04/2015) kwa Bobonong gore borukutlhi bo godisiwa ke batsadi ba ikgatholositse kgodiso ya bana ba bone.
A re ga gona molao ope o o kganelang batsadi go otlhaya bana mme se molao o se ganang ke go gobatsa.
Rre Kgathi yo e leng tona ya molao, itshireletso le thokgamo a re bana ba a gobeya mo mebileng masigo mme se se supa gore kgodiso ya bana e latlheletswe, ka jalo bana ba gololesegile go dira boithatelo. Motse wa Bobonong o supile fa o di goga kwa pele ka pego ya sepodise mo borukutlhing ja leruo le go thuba matlo .
Fa a ama mananeo a puso a re go a supega mo diphuthegong tsa dikgotla gore setshaba se ga se bone thuso sentle go tswa mo bodireding a supa fa lenaneo le tshwana le la nyeletso lehuma le sa tsamae sentle ka bontsi bo sa ntse bo emetse dithuso ebile ba s a fiwe dikarabo ke ba ba maleba.
O kopile makhanselara le bodiredi go emela dikopo tsa setshaba ka dinao go fokotsa dingongorego.
O supile fa kgaolo ya Bobirwa e na le bokgoni ja go ntsha dijo tse dintsi tse di ka jesang lefatshe ka kgaolo e e na le metsi a mantsi a a ka dirisiwang mo go tsa temo-thuo.
Rre Kgathi a re lenaneo la CEDA le a atolosiwa gore banana ba kgone go itlhamela dikgwebo tse ba ka kgonang go itshetsa ka tsone.
A re lenaneo leo le tlaa akaretsa mehama e mengwe ya kgwebo mme le sa tlhanogele la temo-thuo.
Mongwe ba banni ba supile fa ba lephata la metsi le palelwa ke go supa gore go dirisitswe bokae go nwa metsi ebile go tlaa dira gore sekoloto sa metsi se gole.
Banni ba supa fa bogodu bo ba jesetsa mo kgobedung se se dirileng gore bangwe ba hudusetse leruo la bone mo motseng mme bontsi bo supile fa phoduso ya leruo mo motseng e tlhoka therisano pele e ka dirwa.
Kwa kgotleng ya Borotsi/Moshashambe banni le bone ba kopile gore phuduso ya leruo e emisiwe ka bogodu ja leruo bo ba tsentse tsebetsebe.
Banni ba re bogodu bo gakaditswe ke gore thupa ya mokwatla ga e sa dirisiwa ebile bangwe batsadi ba bipa mpa ka mabele fa bana ba bone ba amega mo ditirong tsa borukutlhi.
Mongwe wa banni Rre Kgosimorago Adamson a re go tlhokega mmakaseterata ka yo o teng mo Bobonong a imelwa ke tiro ka a le mongwe mme a kopa tona gore ba okediwe go nna babedi go itepatepanya le melato e e golelang pele.
Rre Moffat Mothudi a re bogodu bo ka tswa bo okediwa ke bokowa ja baatlhodi, mme o kopile gore kgaolo ya Borotsi e gokelwe kgopho ya metsi a a leswe.
Mopalamente Kgathi o lekodisitse banni ka ditsetla tse di sha tsa go tlhopha maloko a komiti ya ditlhabololo, le gore molao wa kwadiso ya dikereke o fetotswe ke palamente ka jaanong go tlhokega batho ba le 150 eseng 10 go simolola kereke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Diphuthego tsa kgotla
Event : Phuthego ya kgotlae
Date : 19 Apr 2015






