Breaking News

Mananeo a bonya go goroga kwa Malotwane

19 Apr 2015

Banni ba motse wa Malotwane mo kgaolong ya Mochudi Bophirima ba lela selelo sa masisa pelo ka jaana mananeo a puso a le boutsana mo motseng wa bone.

E rile banni ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Gilbert Mangole bosheng, ba bua ba sa kgwe mathe ka fa ba sokolang ka teng gore ba bone mananeo a puso e a ntshitseng gore ba tokafatse matshelo a bone.

Ba re ba ipotsa gore gare go tseneng gore ba bo ba sokodisiwa ka ditshwanelo tsa bone e le Batswana ntswa mo dikgaolong tse dingwe batho ba thusiwa fela sentle.

Mme Grace Peterson a re ga go nko e tswang lemina ka mananeo mo motseng wa bone a tlatsa ka gore le tsone dithuso tsa ga Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama tsa go abelwa dikobo ga ba di bone ntswa ba eletsa gore go nne jalo.

O ne a kopa mopalamente go laletsa matona a puso go tla mo motseng wa bone ka ba eletsa gore ba utlwe dilelo tsa bone le gone go ikuelwe mo go bone ka fa mananeo a puso a sa tsamaeng sentle ka teng.

Mme Motlalepula Tshukudu ene a re ofisi ya nyeletso lehuma ga e ba etele mo ditirong tsa bone mme seo se felela se baka go phutlhama ga mananeo a puso. A re e re ka Setswana se re “Se a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting”, ba leka ka bojotlhe go tsosa dikgwebo tsa bone mme ba felela mo tseleng ka ba sena thuso go tswa kwa ofising eo.

Mme Tshukudu o ne gape a tlatsa ka gore go tsaya lebaka gore ba thusiwa ke ofisi eo morago ga go sekasekwa mme tiego eo e tlisa boitlhobogo mo go bone. Mongwe wa banana ba motse oo Mme Kaone Ofetotse o ne a lela sa khuranyo ya meno a supa fa le bone e le banana ba sa bone mananeo sentle mme seo se dira gore ba felele ba bereka Ipelegeng le bagolo ntswa e se maikaelelo a bone.

E rile a tsibogela dilelo tsa bone mopalamente Mangole a tshephisa morafe gore dikgang tsa bone o tlaa di sala morago le batho ba ba lebaneng mme a supa gore tsamaiso ya puso ke gore mananeo a solegela Batswana molemo.

A re ga se gone gore batho ba sokodisiwa ka ditshwanelo tsa bone mme le yone tiego ya go bona dithuso ga ya tshwanela go tsaya lebaka le ba le buang.

Rre Mangole o ne a ba kopa gore ba seka ba fela pelo o tlaa ba thusa ka e le moemedi wa bone e bile ba mo romile gore a ba buelele mo dilong tse di ba tshwanetseng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Apr 2015