Breaking News

Bothata jwa sediba sa Medie bo tla a rarabololwa

19 Apr 2015

Banni ba Medie kwa kgaolong ya Kweneng ba solofeditswe fa bothata jwa sediba sa morafe le leruo bo tlaa rarabologa pele beke eno e ya bokhutlong.

Erile a tsibogela matshwenyego a morafe ka bothata jwa go senyega ga sediba se se nosang leruo kwa motsaneng oo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, mothusa mokwaledi wa khansele mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgamanyane, a solofetsa fa kgato e tserwe go tlhomamisa go boela mo tirisong ga sediba se se nosang dikgomo tsa morafe kwa motseng oo.

Rre Kgamanyane o ne a tsibogela matshwenyego a morafe ka bothata jwa gore go senyega ga sediba sa morafe se se nosang leruo le batho ba ba kgakala le ditlamelo se sa le se senyegile.

Mothusa mokwaledi legale o boletse fa a na le tsholofelo ya gore sediba se tlaa bo se boetse mo tirisong pele beke eno e ya bokhutlong, a supa fa tiego e bakilwe ke bothata jwa go senyega ga sego sa sediba fa mathata a teng one a rarabolotswe.

Batho ba Kweneng mo go bone go le Kgosi Kgama ba ne ba kopa gore go tsibogelwe paakanyo ya sediba go hema go ya le naga ga leruo la bone lotlhe le tsoma kwa le ka bonang metsi teng. 

E re ntswa go kaiwa sediba seo se ne sa emisiwa go nosa morafe mo lebakeng le le fetileng ka bothata jwa gore metsi a sone a ne a kgotlelesegile. Morafe o kopa go rebolwa go nwa metsi ao fela ka ba re ba tlhobogile koporase ya metsi ya WUC.

Ba re maiteko a dirilwe gangwe le gape go lela ka seemo sa tlhaelo ya metsi kwa motsaneng wa bone mme seemo ga se tokafale. Ba re le fa ofisi eo e amogela ditaletso tsa diphuthego tsa matona, go ka tla go arabela matshwenyego a metsi ba tswelela ka go ipaa moriti o tsididi. 

Rre Phemelo Mosidi o ne a kopa gore ba direlwe thulaganyo ya go reka dicoupon tsa metsi gaufi go na le go ya bokgakala ja Molepolole ba dirisa madi a a fetang a ba rekang metsi ka one le mororo metsi a seke a nna teng. 

Rre Mosidi a re e tlaa bo e le maithamako fela go solofela gore seemo sa thuto kwa motsaneng oo se ka tokafala fa bana ba santse ba ya sekolong ka tlala ba sa tlhapa gangwe le gape. 

Mopalamenete Seretse yo a bileng a le tona wa papadi le madirelo, o dumetse fa bothata jwa tlhaelo ya metsi bo ama lefatshe ka bophara segolo jang kgaolo ya borwa e e senang metswedi epe ya metsi, a supa gore karabo e ba tleng ba e bone  ke gore bothata mo mabakeng a mangwe bo bakwa ke kgaogo ya motlakase.

Batho ba Medie le Kweneng ba ngongoregile gape ka ofisi ya boipelego gore ga e ba thuse, ba supa fa go tsenngwa ka fa tlase ga ofisi ya boipelego ga lenaneo la batho ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo la RADP go ba beile ka fa mosing ba re go ba fetotse bangongoregi ka go sa thusiweng ka fa tshwanelong.

Mme Keolebogile Chanakane o ne a supa gore bana ba dikolo ba sokola go thusiwa jaaka fa ele thuganyo nako tshotlhe fa dikolo di bulwa kgang e ofisi ya RADP eneng e dira ka thelelo.

Mongwe wa banni ba Medie Rre Merriweather Gideon fela jaaka dibui tse dingwe o kopile ofisi ya khansele go tsaya kgato ka seemo sa ofisi ya boipelego kwa kgaolong eo ka jaana ba re ga e ba solegele molemo ka gope.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Bailotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Apr 2015