Breaking News

Kwa Botepetepe ba tshogela loruo

19 Apr 2015

Balemi-barui ba Botepetepe kwa Serowe Bokone ba mo letshogong la botsogo jwa bone le dikgomo tsa bone.

Ba re phaephe (pipe) ya kgopho ya metsi a a leswe a a tshelwang mo letsibogong le le mo molapong o o fetang mo masimong a bone ga e ba jese diwelang, ka seemo se se baya dikgomo tsa bone mo diphatseng le one matshelo a batho tota.

Ba re dikgomo tsa bone ga di a sireletsega mo bolwetseng jwa mabele ‘cattle measles ’ka di e nwa metsi ao.

Ba supile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso,Rre Kgotla Autlwetse, bosheng. 

Mongwe wa ba ba supileng letshogo le,Rre Ishmael Matsetse o ne a supa gore metsi a a leswe a a borai ka a ka tsenya dikgomo tsa bone bolwetse jwa mabele.

A re ntswa ba agile mantlwana a boiteketso go tila bolwetse jo mme jaanong metsi a a leswe a tshelwa mo molapong wa bone a busetsa maiteko a bone kwa morago.

Batsena phuthego bane gape ba tlhalosa fa metsi ao a tshelwa gone fa ba tolang teng ka jalo le bone a ka ba ama.

Mo go tse dingwe,balemi barui ba koo bane ba lela ka lenyora,bane gape ba kopa go direlwa motshela kgabo.

Fa dikgang di eme jalo,Rre Autlwetse yo ebileng le Mopalamente wa Serowe Bokoni o ne a leboga balemi barui ba Botepetepe ka thomo ya bone ka go mo thopha ka dipalo tse di kwa godimo go gaisa, lefatshe lothe ka bophara.

A re dipalo tsa dikete di fera bongwe, makgolo a marataro le lesome le motso(9611) ke kgwetho mo go ene gore a ikiteye ka thupana gore a seka a ba swabisa kgotsa go ikotlhaela thopho ya bone.

O ne a ba tshephisa gore otla ba direla ka nata.

Mopalemente o ne a tswelela ka go buisa diphutlhego kwa masimong a Hulwane Patwe le Taukome.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Apr 2015