Breaking News

CIPA e itholela setshaba

16 Apr 2015

Lekalana la Companies and Intellectual Property Authority (CIPA) ka fa tlase ga lephata la papadi le madirelo, le bontlha bongwe jwa lone eleng puso fa jo bongwe bo ikemetse le satswa go ipega mo badiragatsing .

Mogolwane wa CIPA, Mme Staffnurse Lesetedi-Keothepile, a re lekalana leo le ne la tlhamiwa go thusa badiragatsi, ka lekgetlho la didirisiwa tsa borenyane, tse go tsewang 1 per cent mo go tsone fa di rekisiwa, mme enne one madi a akgobokangwe k aba ofisi ya makgetlho, a mo nakong eno a supang fa aka tshwara P33 million

Mme Keothepile a re lekalana le lethusa modiragatsi mongwe le mongwe go sa lebelelwe dingwaga tsa gagwe fela fa ele Motswana. Madi a motho a ka a ikopelang mo lekalaneng leo ke P10 000 go ya kwa go P1 million ele tsaya tanki.

O ne a tlhalosa fa madi ao a neelwe motho mahala a sa a buse, mme fela jaaka tsamaiso engwe le e ngwe gona le melawana ya kafa madi ao a tswang ka teng .oile are fa badiragatsi baka ikitaya ka thupana go ikopela madi ao baka kgona go godisa mohama wa bodiragatsi, le gone go itlhamele ditiro tse di seyong mo lefatshing le gone gotlhapa ba bangwe.  

Mme Keothepile one are maikaelelo magolo a puso ke go godisa bodiragatsi le gobofa seriti se bo setshwanetse, mo ekareng kgabagare ga tsholetse itsholelo ya lefatshe leno fela jaaka mafatshe a mangwe a kgonne go godisa itsholelelo ka bodiragatsi.

One are nako etsile yagore kgang yaga tswakanye itsholelelo e tsengwe mo tirisong, mme bodiragatsi boka digiga kwa tlhogong ka go itshupa, ka bokgoni le ditalente tse banang letsone. One are ka 2013 bane ba amogela dikopo dile 161 mme mo gotsone ga feta dile nne (4) fela .

Are bane ba lemoga gore baikopedi ga ba farologanye lekalana le le lephata la banana, mme a gatelelela natlha ya gore loke le itebagantse fela le badiragatsi, gape ga bana selekanyetso sa dingwaga monana, mogolo o na letshwanelo yago ikopela madi ao fela fa ele modiragatsi.

Oile gape are madi ao aya gotlhomiwa leitlho gore a disediwa se a sekopelwang, gape motho ga a tshethemelwetswe otlhe nako ele engwe a ntshiwa ka dikarolwana go fitlhelel se a seakopetseng se wela.

Rre Otsile Ramorwa yo eleng leloko la komiti e e amogelang dikopo le godira ditsheka tsheko, gotswa mo go ba Botswana Music Union (BOMU) le ene one a iteela kobo moroko ka go kgothatsa badiragatsi gotsibogela lenaneo leo ka gosupa fa balenyoretswe.

One a tlhomamisatse batsana thuto puisano e ya letsatsi gore badirela dilo mo pepenene, gape komit e bopilwe ka makalana a a farologane a puso le a a ikemetseng mangwe ele a bodiragatsi. Oile are fa motho a a tlegile o ya kwa diofising tsa CIPA goya go seenela madi ao.

Mme Tshepho Raditloaneng  ene one a buwa ka molao wa tsamaiso ya tshwanelo  le tshireletsego ya batlhami, are  go boakaretsa ditsetlana dile mokawana, mme fela a gatelela gore gonna letshwanelo mo gose motho a seitshimololetseng (Copy Right) ga go kwadisiwe ke tshwanelo  le tshireletsego e motlhami a tshwanelweng ke go nna le boikarabelo mo go sono

One gape a buwa ka sebaka se tshwanelo ya motlhami e se tsayang are ke botshelo jotlhe, le dingwaga dile masome a matlhano  (50) fa a sane gotlhokafala , abo are ke nmolato go utswa tiro ya motho yo mongwe kana botlhami ja gagwe kwa ntle gat letla y a mong wa botlhami joo

Ere ntswa bontsi ja batho ba ba neng ba tsile pitsong e ele banana bane ba batla goitse gole gontsi kafa dithuso tseo di ntshiwang ka teng mme ba tsengwa mo thutuntshong ya go tlatse dipampiri tsa ikopelo le gone gore battle batlhaloganye se tota sethokwang mo go bone pele gab aka tsenya dipampiri tsa ikopelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 16 Apr 2015