Tsamaiso e ngongora banni ba Mokubilo
16 Apr 2015
Banni ba Mokubilo kwa kgaolong ya Boteti ba ngongorega ka tsamaiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC ya go hira batho ba ba jesang babereki ba Ipelegeng le ba ba apeelang bana ba sekole borotho.
Ba ntshitse ngongorego e ya bone kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa bone wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, kwa mo tseng oo bosheng,ba supa komiti ya VDC ka monwana bare ba hirana kabo bone gammogo le ditsala tsa bone.
Banni ba re lentswa gone go hirwa go diriswa khupelekhupele ntse ke bone ba tseng mo lenaneo ,bare ba belaela gore ba dirile maretshwa mangwe,ba kopa mopalamente go ba thusa ka jaana mananeo a puso a diretswe Batswana botlhe.
Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC ya motse oo rre Thomas Maphane one a rolela mopalamente matshwenyego le maiteko a bone ,a supa fa badirelapuso baba nang mo matlong a bone basa duele.
O ne gape a tlhalosa sa fa ba dule ka maano a baka itirelang madi ka one ,mme ba buisana le kompone ya BTC gore ba phepafatse dithawara (Tower)tsa bone, kopo ya bone ene ya atega ,a supa fa ba duela P6000 go phepafatsa ya Makgaba,ya Mokubilo yone ele P2500 a bolela fa ba kopile gape mo go ba Mascom le Bofnet le ba lephata la ditsela go ba fa sekgele sa dikilomethara di le masome a mane(40km) mme ba santse ba letetse phetolo.
O bile a a bolela fa ba kopa gore go okediwe babereki ba ipelegeng,ba kopa koketso ya kokelano go na ee belegisang,ngaka le koloi ya kokelano. Mopalamente Rre Lelatisitswe one a ba kgwa dikgaba a tlhalosa fa kgang ya go ba fudusetsa kwa landboard ya Letlhakane ba tswa kwa Marapong ene diilwe ke gofetolwa ga melolwane a re kgang ya teng e wetse mme e tla rolwa kwa Khanseleng ee tlang.
O ne a tswelela ka go kgothatsa banana go ikgapha mo nnotaging, mme ba sale morago mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone,a bo a lebogela VDC maiteko a bone a go kgarathela go itirela madi a ka one ba ka tlhabolola motse wa bone.a bo kgothatsa ba direla puso go duela matlo a kopa VDC gore ba seka ba ba ntsha mo matlong.
Mopalamente one a tlhalosa fa kgang ya go oketsa kokelano e se mo lenaneo, mme e tla tsholediwa maemo go na Health post,atlatsa ka gore ngaka ya bone e teng mathata ke gore ga ena boroko .
Mopalamente Rre Lelatisitswe one a ba lekodisa ka tsamaiso e ncha ya kabo ya lefatshe,a supa fa puso e lemogile gore kabo ya lefatshe e tlhakatlhakane e bo e tswa ka lenaneo la go dira moalo wa lefatshe mo lefatsheng lotlhe.
Mo dintlheng tse mopalamente a neng a di baya pele banni bane ba ganana le kgang ya gore go diriswe khupelekhupele go baya ditsha ba supa tsamaiso ya go baya yo o ikopetseng pele ee ntseng e dirwa e siame.
Ene e rile a amogela baeng kgosi wa motse wa Mokubilo Botshabelo Dijeng a leboga mopalamente tiro entle e a e dirang ya go ba lekola,a bo a supa fa ban a le mathata a go latela ditlamelong tsa kabo ditsha ko Marapong ,mo areng go a ba turela.
A kopa gore ba fudusetse mo kgaolong ya boteti. Kgosi Dijeng kgosi tlhalositse fa a tshwengwa ke gona mo majalweng ga banana mo areng go ba dia go tsaya mananeo a puso.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Apr 2015






