Baithuti ba abela bagolo
16 Apr 2015
Baithuti ba sekolo sa Lobatse Instituite of Health Sciences ba le babedi, ba ba ithutelang bolwetse jwa tlhaloganyo le maikutlo, ba ne ba abela bagolo le balwala tlhaloganyo dimpho tsa diromamowa, metshine e e itshidilang mmele e le mebedi le tse dingwe kwa Ramotswa bosheng.
E rile a amogela dimpho tseo, mogolwane wa mokgatlho wa Re fa ka bone, Mme Selinah Ntshwee, a tlhalosa fa mokgatlho oo o tlhamilwe ka ngwaga wa 2011, mme ba simolotse go tlhokomela bagolo le balwala tlhaloganyo ka ngwaga wa 2013.
O tlhalositse fa baithuti bao ba ba thusitse thata ka go bua le bagolo ka e le batho ba ba dingalo, mme ebile go le dingalo go dira le bone. Mongwe wa baithuti bao Mme Nametso Sheto, o ne a tlhalosa fa ba ne ba romelwa kwa motseng wa Romotswa, e le nngwe ya dithuto tsa bone, mme ba feta ba amogelesega.
O tlhalositse fa Kgosi Tsimane Mokgosi a ne a ba lekodisa ka motse wa Ramotswa, mme ka lesego ba bona bagolo kwa mokgatlhong oo, mme ba lemoga fa ba sa dire sepe mme se se le borai mo botsogong jwa bone.
Mme Sheto o tlhalositse gore fa motho a sa tsoga sentle mo maikutlong, le mmele ga o tsoge, le mmele fa o sa tsoge sentle le tlhaloganyo ga e tsoge, a bo a supa fa go nna o sena tsholofelo go dira gore motho a seka a nna sentle mo tlhaloganyong.
O tlhalositse fa bagolo e le bone ba rutang bana ngwao le gone go ba nyadisa, mme go le botlhokwa gore maikutlo a bone a bo a siame, gore ba tle ba fodise mebele ya bone.
Bagolo ba ne ba loga mebese e le nngwe tsela ya go itshidila mmele.
O supile fa bagolo ba ne ba batla seromamowa gore ba tle ba reetse dikgang, mme o ne a leboga ba lebenkele la Furnmart la Ramotswa, go nna le seabe mo tirong eo le Balete go latlhela se ba nang le sone gore tiro ya bone e atlege.
Mothusa Kgosi Tsimane Mokgosi, o ne a akgola tiro e ntle e baithuti bao ba e dirileng, a supa fa motho a tshwanetse go ithuta malatsi otlhe, o supile fa go ithuta mo go tona e le go ithuta mo go ba bangwe ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Kgosi Mokgosi o supile gore batho ba batona ba rata boammaaruri, a supa fa ba mokgatlho wa ‘Re fa ka bone’ ba diretse Balete sefalana ka go tlhokomela bagolo, mme bone ba sa lemoge seo. Ends
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Kabo dimpho
Date : 16 Apr 2015






